Goreng boKubu ba sena moriri
Basilio Gimo
Carol Liddiment

Ka letsatsi lengwe Mmutla o ne a tsamaya fa thoko ga noka.

1

Kubu le ena o ne a le koo, a itsamaela fela ebile a ijela bojang jo botala bo bo monate.

2

Kubu o ne a sa lemoge gore Mmutla o teng fao mme a gata leoto la gagwe ka phoso. Mmutla o ne a goa mme a simoloa go omanya Kubu, "Wena Kubu! Ga o bone gore o gata leoto la me?"

3

Kubu o ne a kopa maitshwarelo mo go Mmutla, "Intshwarele tsala ya me. Ke ne ke sa go bone. Ka kopo tlhe intshwarele!" Mmutla o ne a sa batle go reetsa mme a tswelela ka go omanya Kubu, O dirile se ka bomo! Ka letsatsi lengwe, o tlile go bona! O tlile go duela!

4

Jaanong mmutla a ya go batla Molelo mme a re, "Tsamaya o ye go fisa Kubu fa a tswa mo metsing a ya go fula bojang. O nkgatile leoto!" "Ga gona bothata, Mmutla tsala ya me. Ke tla dira se o se kopang," ga araba Molelo.

5

Fa Kubu a ntse a fula bojang kgakajana le metsi, o ne a utlwa "shuuuu!" Molelo o ne a ntsha malakabe a gagwe mme a simolola go fisa moriri wa ga Kubu otlhe.

6

Kubu o ne a tshimolola go lela mme a tabogela kwa metsing. Moriri wa gagwe otlhe o ne o fisitswe ke molelo. Kubu o ne a tswelela go lela, "Moriri wa ka o fisitswe ke molelo! O fisitse moriri wa ka otlhe! Moriri wa ka otlhe o ile! Moriri wa ka o montle! Moriri wa ka o montle!"

7

Ke ka moo Kubu a sa tsamaeleng kgakala le metsi ka ntlha ya fa a tshaba gore o tla fisiwa ke molelo. Mmutla o ne a itumetse thata fa Kubu a fisitwe ke molelo, a goa a re, "Ke mo tshwere!"

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Goreng boKubu ba sena moriri
Author - Basilio Gimo, David Ker
Translation - Lorato Trok
Illustration - Carol Liddiment, Little Zebra Books
Language - Setswana
Level - First paragraphs