Tshoswane o thusa Leeba
Kholeka Mabeta
Wiehan de Jager

E ne e le letsatsi le le mogote mo sekgweng se se omeletseng.

1

Tshoswane o ne a nyorilwe thata. O ne a na le malatsi a sa nwe metsi.

2

"Ke tlhoka thoti fela ya metsi, le fa e ka wa mo letlhareng."

3

Le lona letlhatsana tota le ne le omeletse.

4

"Fa ke sa nwe metsi, ke tlile go swa," Tshoswane a lela. "Ke tshwanetse go ya nokeng e ke e utlwaletseng."

5

"Noka e tla tsamaya ka wena," Mosha yo o botlhale a mo thiba.

6

Fela Tshoswane o ne a nyorilwe thata. "Ke tlile go swa fa ke sa nwe metsi."

7

Tshoswane o ne a ya go batla noka.

8

Go kgabaganya majang a a omileng le dikala tse di omeletsetseng.

9

Go fitlhela a utlwa mosumo wa makhubu a metsi.

10

Tshoswane o ne a nwa metsi a a monate a a tsiditsana.

11

O ne a itumetse thata mme a se bone lekhubu le legolo la metsi le atamela.

12

Tshoswane o ne a leka go itshwarelela ka bojang. Go le jalo metsi a feta ka ena.

13

"Thusang! Thusang!"

14

"Ka bonako, palama," ga bua Leeba le lesweu, a tshwere kala mo molomomg wa gagwe.

15

16

"Ga ke na go tsamaya ke ise ke leboge Leeba. Ke tla leta go fitlhela a tla go nwa metsi."

17

Ka letsatsi lengwe fa a letile, basimane ba babedi ba ne ba tla kwa nokeng ba tshwere diragamaje.

18

"Go na le leeba le le tlang fano ka metlha go tla go nwa metsi," ga bua mongwe wa basimane. "Re tla le dira nama ya rona ya go lalela gompieno."

19

20

"Ga ke na go letla basimane ba go bolaya Leeba le lesweu. Fela ke monnye, nka dira eng?"

21

Ka yone nako eo Leeba le lesweu la fologa setlhare go ya go nwa metsi.

22

23

Tshoswane o ne a tlelwa ke kakanyo.

24

O ne a tlolela mo godimo ga leoto la mongwe wa basimane mme a mo loma botlhoko.

25

Mosimane o ne a tlola. "Ijoo!" a lela.

26

Leeba le lesweu le ne la tshoga mme la fofela kwa godimo.

27

Se e ne e le thuso ya ga Tshoswane go leboga Leeba le lesweu ka a mo pholositse mo metsing.

28
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tshoswane o thusa Leeba
Author - Kholeka Mabeta, Judith Baker
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First sentences