Moipone le sego sa gagwe
Ursula Nafula
Catherine Groenewald

Lelapa la gaabo Moipone le ne le tletse boitumelo. Moipone o ne a nna le batsadi ba gagwe. Ba ne ba tlhokafala fa Moipone a le dingwaga di le lesome.

1

Mosadimogolo Rosa o ne a tsaya Moipone go nna le ene. O ne a siametse Moipone, fela o ne a tsofetse thata ebile e le modidi.

2

Moipone o ne rata go etela mabitla a batsadi ba gagwe. O ne a lela mme a ba bolelela tshotlego ya gagwe.

3

Ka letsatsi lengwe fa a ba etetse, o ne a amogela mpho. Sego se se ntle se ne sa tlhagelela go tswa mo mabitleng a batsadi ba gagwe.

4

Sego se ne sa opela pina e e monate e e namatsang e re Moipone we, Moipone! Ngwana wa rona o o rategang! Ga o khutsana, moratiwa! Tsaya sego se, moratiwa! Se rwale gongwe le gongwe ko o yang, moratiwa! A se go babatse, moratiwa! Moipone o ile a lemoga lentswe la ga moswi mmagwe.

5

Moipone o ne a tsamaya kasego sa gangwe gongwe le gongwe. Se ne se mo sireletsa fa a ya nokeng go ya go ga metsi. Ka sego se, Moipone o ne a utlwa e kete batsadi ba gagwe ba sa tshela.

6

Ka letsatsi lengwe ga diragala matlhotlhapelo ka sego sa ga Moipone Se ile sa thubega fa Moipone a ga metsi kwa nokeng. Pelo ya ga Moipone le yone e ne ya thubega ka kutlobotlhoko.

7

Moipone o ile a tshwara manathwana a sego sa gagwe mme a opela: Mme le rre, Bonang sego se thubegile. Sego se lo mphileng sone. Ke dire eng batsadi ba me? A molemo wa lona o mpontsheng sengwe Gore lo santse lo na le nna.

8

Moipone o ile a utlwa lentswe la ga mmagwe le re: Ngwana wa rona, Sela manathwana a a setseng. Gelela metsi ka ona mme o tlhape maoto a gago. Fa o fetsa go tlhapa, o tswale matlho. Moipone o ile a dumela mme ka ponyo ya leitlho, sego se se thubegileng se ile sa siama gape.

9

Moipone o ile a tswelela go tsamaya gotlhe ka sego sa gagwe. Kwa a neng a feta teng, batho ba ne ba sebaseba ba re, "Ke sego sa mofuta ofe se?" Ka sego se sa gagwe, Moipone o ne a amogela tshotlhe tse a di tlhokang.

10

Ka sego se, Moipone o ne a itse gore batsadi ba gagwe ba mo sireleditse. Go ne go sena bosula bo bo neng bo ka mo diragalela.

11
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Moipone le sego sa gagwe
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs