Zama o mogolo
Michael Oguttu
Vusi Malindi

Nnake o robala bosigo.

Ke tsoga go sale gale gonne ke mogolo!

1

Ke nna yo ke tsenyang letsatsi.

2

"O naledi ya me ya moso," Mme a rialo.

3

Ke itlhapisa letsatsi le letsatsi, ga ke batle thuso.

4

Ga ke tshabe metsi a a tsididi, le fa e le sesepa se se botala jwa legodimo se se tlhatswang diaparo.

5

Mme o a nkgakolola, "O seke wa lebala meno."

Ka araba, "Le eseng, e seng nna!"

6

Fa ke fetsa go tlhapa, ke dumedisa ntatemogolo le rakgadi.

Ke ba eleletsa letsatsi le le monate.

7

Ke be ke ikapesa.

"Ke godile jaanong, Mma," ka rialo.

8

Ke kgona go ikopela dikonopo le go ipofa ditlhako.

9

Ke netefatsa gore nkgonne o itse dikgang tsotlhe tsa sekolo.

10

Mo phaposing, ke ntsha bokgoni jotlhe.

11

Ke dira dilo tsotlhe tse dintle tse, letsatsi le letsatsi.

Mme seo ke se ratang thata ke go tshameka le go tshameka!

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Zama o mogolo
Author - Michael Oguttu
Translation - Abea Mogope Nkashe
Illustration - Vusi Malindi
Language - Setswana
Level - First sentences