Loeto go ralala Aforika Borwa
Chantel Botha
Chantel Botha

Tebogo le Bobo ba tsaya loeto go ralala Aforika Borwa.

Loeto lwa bone lo simolola kwa Kimberley, kwa Kapa Bokone.

Kwa Kimberley o tla fitlhela 'Big Hole'!

1

Khutshuu-khutshuuu tshuu-tshuu ba feta ka Foreisetata.

Ba kgatlhwa ke bontle jwa malomo a a thunyang kwa Bloemfontein.

2

Khutshuu-khutshuuu tshuu-tshuu, ba tsaya loeto go ya Motse Kapa kwa Kapa Bophirima.

Tebogo le Bobo ba kgetla diterebe tse di matute kwa polaseng.

3

Ba ya Mafikeng, kwa Bokone Bophirima.

Terene ya fokotsa lebelo go dumedisa Rina, tshukudu kwa Phakeng ya Bosetšhaba ya Pilanesburg.

Morago ga moo ditsala tsa rona tsa itlhaganelela kwa Polokwane, kwa Limpopo.

4

Khutshuu-khutshuuu tshuu-tshuu, ba leba kwa Bhisho, kwa Kapa Botlhaba.

Ditsala tse pedi di ja mokaragane kwa Phakeng ya Ditlou.

5

Khutshuu-khutshuuu tshuu-tshuuu, ba nna thari, ka jalo terene ga e eme kwa Johannesburg, kwa Gauteng.

Ba le ka fa gare ga terene ba bona dikoloi tse dintsi le batho mo toropong e e tlhanaselang e ya gauta.

6

Khutshuu-khutshuuu tshuu-tshuuu, ba fetela kwa Emalahleni kwa Mpumalanga.

Ba etela madirelo a magolo a malatlha a ba tsamaisang terene ya bone ka one.

7

Tebogo le Bobo ba feleletsa loeto la bone kwa Pietermaritzburg, KwaZulu-Natal.

Ba ne ba aroganya dipanana tse di botshe le ditsala tsa bona, mme ba ba tlotlela ka loeto lwa bone go ralala naga.

A o gakologelwa maina a diporofense le ditoropokgolo tsa tsone?

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Loeto go ralala Aforika Borwa
Author - Chantel Botha
Translation - Glanice Masilo
Illustration - Chantel Botha
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs