Kwena le Tshwene
Basilio Gimo
Jeremiah Dube

Tshwene le Kwena ene ele ditsala tsa nnete.
Bane ba tshameka mogo. Bane baja mogo. Bane ba dira dilo tsotlhe mogo.

1

MMe tsatsi le le lengwe, Kwena a lwala. One a le gaufi le lesu.
Kwena a ya kwago Nyabenzi. "Fa o batla go nna botoka, o tshwanetse goja nama ya Tshwene, ga bua Nyabenzi.

2

Fa a utlwa se, Kwena a lela.
Fa a batla go nna botoka, o ne a sena tlhopho ntle le gore a je tsala ya gagwe Tshwene.

3

Fa Tshwene aya go etele tsala ya gagwe, one a namela fa godimo ga mokokotlo wa kwena.
Kwena o ile a isa Tshwene kwa botenng jwa noka.

4

" O tshwentse keeng tsala ya me? ga botsa Tshwene?

Kwena are, "Nyabenzi o mpoleletse gore fa ke batla gonna botoka ke tshwanetse go go ja, tsala yame.

5

Tshwene a araba are, Nyaya, o seke waja nna. Ke monnye.

Ema motsotswana mme ke tla bitsa ntatemogolo wame. Ene keo mo tonna thata go nale nna. Eja ene mme o tla kgora.

6

Kwena are, o Kwa kae ene Ntatemogolo oo wa gago?"

Tshwene a araba are, O mo setlhareng kwa setlhakatlhakeng sele. "
Kwena are, "Tsamaya o tle le ene gore ke tle go moja."

7

Tshwene a pagologa mo godimo ga Kwena a taboga a namela setlhare.
Kwena a ema, a ema. Mme Tshwene ga a ka a boa.

Seo ya nna bofelo ba botsalano jwa bona.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kwena le Tshwene
Author - Basilio Gimo
Translation - lisa malabi
Illustration - Jeremiah Dube, Little Zebra Books
Language - Setswana
Level - First paragraphs