Tingi le dikgomo
Ingrid Schechter
Ingrid Schechter

Tingi o ne a dula le nkoko wa gagwe.

1

O ne a tlwaetse go disa le nkoko wa gagwe.

2

Ka letsatsi lengwe ga tla masole.

3

Ba tsaya dikgomo.

4

Tingi le nkoko wa gagwe bba tshaba mo lefelong leo.

5

Ba iphitlha mo sekgweng go fitlha bosigo.

6

Jaanong masole a boa gape.

7

A fitlha Tingi mo tlase ga matlhare.

8

Yo mongwe wa masole a gata ka leeto la moja mo godimo ga gagwe mme a didimala a re tuu.

9

Fa go se na go sireletsega Tingi le nkoko ba tswa mo sekgweng.

10

Ba siela kwa gae ka bonako.

11
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tingi le dikgomo
Author - Ingrid Schechter
Translation - Anna Lekganyane
Illustration - Ingrid Schechter
Language - Setswana
Level - First sentences