Motlhokomedi le serapa sa gagwe
Nina Orange
Magriet Brink

Le ke leinane la Motlhokomedi le serapa sa gagwe sa diphologolo tsa dikhutsana.

1

Phatwe e ne e le kgwedi ya tiro e ntsi go Motlhokomedi le bathusi ba gagwe kwa serapeng.

2

Mokete wa ngwaga e le nngwe o ne a goroga pele. O ne a goroga ka lori e e tsofetseng ya mmala o motala.

3

Motlhokomedi le bathusi ba gagwe ba ne ba utlwela Mokete botlhoko. O ne a otile thata e bile a utlwile botlhoko.

4

Mme morago ga nakwana, Mokete a kokotlela. O ne a simolola go tshameka le diphologolo tse dingwe mo serapeng.

5

Ka letsatsi lengwe ka Phatwe, helikhopotara e ne ya ema kwa serapeng.

6

Motlhokomedi le bathusi ba gagwe ba ne ba sianela kwa ntle. Mo teng ga helikhopotara go ne go le tlowana e apesitswe kobo.

7

E ne e le Ndiwa. O ne a na le malatsi a le matlhano. Motlhokomedi o ne a fepa Ndiwa ka lebotlolo.

8

Khutsana ya boraro mo kgweding eo e ne e le Malea. O gorogile kwa serapeng ka terekere e khibidu. O ne a le dikgwedi di le thataro.

9

Ka nakwana tshukudu Malea a nna tsala ya nnete le Enkare, nare e nnye. Ba ne ba tsamaya gongwe le gongwe mmogo.

10

Bosigo bongwe, mongwe le mongwe o ne a tsosiwa ke kgorogo ya ga Ambia.

11

Ambia o ne a na le dikgwedi tse tlhano. O ne a le bokoa morago ga loeto lwa gagwe lo lo telele.

12

Ka ntlha ya thamo ya gagwe e telele, Motlhokomedi o ne a tsholeletsa lebotlolo kwa godimo go fepa Ambia.

13

Mawelana a mannye Abei le Moit ba gorogile mo gare ga Phatwe. Ditshepe tse di ne di na le diuranyana di tsetswe. Di ne di lwala thata.

14

Mongwe le mongwe o ne a utlwile botlhoko fa Abei a ne a swa beke morago ga kgorogo ya gagwe kwa serapeng. Fela Motlhokomedi le bathusi ba gagwe ba ne ba pholosa Moit.

15

Dikhutsana tsa bofelo go goroga ka Phatwe e ne e le Kopi, Kepi le Keji. Ditawana tse di ne di le dibeke tse pedi fela. Di ne di tshwerwe ke tlala thata fa di goroga.

16

Motlhokomedi le bathusi ba gagwe ba rata diphologolo tsotlhe, tota le tse di senang ditsebe.

17

Phologotswana e e neng e se na tsebe go feta tsotlhe e ne e le Lobolia. Lobolia o ne a rata go fitlha digalase tsa matlho tsa Motlhokomedi.

18

Batho ba kwa serapeng ba dira ka thata go thusa diphologotswana. Ba tshepa gore ka letsatsi lengwe dikhutsana di tla kgona go itlhokomela. Fa go le jaalo di ka boela kwa nageng.

19

Buisa leinane gape mme o arabe dipotso. Dingwaga le palo e e kae?
1. Ke diphologolo tse kae tse di gorogileng ka kgwedi ya Phatwe? 2. Go gorogile mang pele? 3. O ne a le dingwaga di le kae? 4. Go gorogile dife la bofelo? Di ne di le dingwaga tse kae? 5. Tse dinnye go goroga e ne e le dife? 6. Di le dingwaga tse kae? E e kgolo go goroga ka Phatwe?

20
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Motlhokomedi le serapa sa gagwe
Author - Nina Orange
Translation - Lorato Trok
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - First paragraphs