E nnye thata
Media Matters
Sandy Lightly

"Mme," Lebo a bitsa. "Tla o bone. Diaparo tse tsotlhe ga di ntekane!"

"Tla ke bone," Mme a rialo.

1

"Bona sekete sa me. Se sennye thata," Lebo a rialo.

"Ee, se sennye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya sekete sa gago."

2

"Bona borukgwe jwa me. Bo bonnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, bo bonnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a bo tsaya."

3

"Bona hempe ya me. E nnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, e nnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya hempe ya gago."

4

"Bona jeresi ya me. E nnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, e nnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya jeresi ya gago."

5

"Bona jase ya me ya pula. E nnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, e nnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya jase ya gago ya pula."

6

"Bona dikausu tsa me. Di dinnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, di dinnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya dikausu tsa gago."

7

"Bona ditlhako tsa me. Di dinnye thata," Lebo a rialo.

"Ee, di dinnye," Mme a rialo. "Nomsa a ka nna a tsaya ditlhako tsa gago."

8

"Jaanong o na le diaparo tse dintsi," Lebo a rialo.

"Nnyaa ga ke na tsone," Nomsa a rialo. "Diaparo tse tsotlhe di dikgolo mo go nna!"

9
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
E nnye thata
Author - Media Matters
Translation - Lorato Trok
Illustration - Sandy Lightly
Language - Setswana
Level - First sentences