Katse le Ntšwa le serurubele
Elke and René Leisink
Elke and René Leisink

Yo ke Katse.

Yo ke Ntšwa.

1

Katse le Ntšwa ba lebelela ka fensetere.

Ba lebelela ka fensetere.

2

Mme Katse le Ntšwa ba bona serurubele!

Serurubele se sepinki.

3

Katse le Ntšwa ba batla go tshwara serurubele.

Katse le Ntšwa ba ne ba sala serurubele morago.

Ba sala serurubele morago.

4

Katse le Ntšwa ba sala serurubele morago ka maoto. Ba tsamaya mo morago ga serurubele.

Fela serurubele se bonako. Serurubele se bonako thata mme Katse le Ntšwa ba bonya. Ba bonya thata.

5

Katse le Ntšwa ba sala serurubele morago ka baesekele. Ba kgweetsa baesekele mo morago ga serurubele.

Fela serurubele se bonako. Serurubele se bonako thata, mme Katse le Ntšwa ba bonya. Ba bonya thata.

6

Katse le Ntšwa ba sala serurubele morago ka koloi. Ba kgweetsa mo morao ga serurubele.

Fela serurubele se bonako. Serurubele se bonako thata, mme Katse le Ntšwa ba bonya. Ba setse ba ntse ba le bonya thata.

7

Katse le Ntšwa ba sala serurubele morago ka mokoro. Ba kokobala mo morago ga serurubele.

Fela serurubele se bonako. Serurubele se bonako jo bo makatsang, mme Katse le Ntšwa ba bonya. Ba setse ba ntse ba le bonya jo bo makatsang thata.

8

Katse le Ntšwa ba sala serurubele morago ka sefofane. Ba fofa mo morago ga serurubele.

Fela serurubele se bonako. Serurubele se bonako-nako jo bo makatsang, mme Katse le Ntšwa ba setse ba ntse ba le bonya thata-thata.

9

Mme Katse le Ntšwa ba a ema. Ba a ema mme ba dula mo fatshe. Ba dula mo fatshe fa setlhareng.

Ba dula mo fatshe fa setlhareng se segolo.

Mme jaanong...

10

Ba bona serurubele se le sengwe mo setlhareng.

Ba bona dirurubele tse pedi mo setlhareng.

Ba bona dirurubele tse tharo mo setlhareng.

11

Ba bona dirurubele tse lekgolo!

12

Sala sentle Katse.

Sala sentle Ntšwa.

Salang sentle dirurubele.

13

14
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Katse le Ntšwa le serurubele
Author - Elke and René Leisink
Translation - Lorato Trok
Illustration - Elke and René Leisink
Language - Setswana
Level - First paragraphs