Fa bese e kgolo e e talaloapi e le thari
Mecelin Kakoro
Mango Tree

Gangwe ka letsatsi bese e kgolo e e talaloapi e ema kwa motseng wa ga Bubu go isa batho toropong. Bubu ga a ise a ke a bone bese e e kgolo jaana.O bala difensetere di le 9 tsa bapalami le e le nngwe ya mokgweetsi. "Go tshwanetse ga bo go le difensetere tse 9 tsa bapalami ka mela ya ditulo tse thataro bonnye." Bubu a akanya.

Fa Bubu a nepile, bese e kgolo e e talaloapi e kgona go pega bapalami ba le kae?

1

Kamoso, mmagwe Bubu o mo isa toropong go ya go reka yunifomo e ntšhwa ya sekolo. O rekisa dazene ya mae ka R15. Mo dibekeng tse dintsi o dira R450. O tlhoka go rekisa mae a didazene tse kae go dira R450? Mo dibekeng tse nne tse di fetileng, o kgonne go boloka halofo ya madi a gagwe go duelela yunifomo ya ga Bubu e ntšhwa.
A o ka bona karabo ya gore o bolokile bokae mo dibekeng tse nne?

2

E setse e le dikgwedi tse tharo fa e sa le loeto lwa ga Bubu la bofelo la bese.

Ga a kgone go leta! Kamoso ke letsatsi le legolo. O ne a setse a le mo bolaong ka ura ya bosupa, fela ga a kgone go robala. Ga a fetse go akanya ka loeto lwa go ya toropong. E setse e le halofo morago ga ura ya borobonngwe, fela Bubu ga a ise a thulamele.

3

Moso mongwe le mongwe, mmagwe Bubu o mo tsosa ka ura ya bosupa. Fela gompieno o setse a tsogile ka ura ya borataro, le fa a ile go robala ka ura ya lesomenngwe maabane bosigo.

Ka ura ya bosupa o setse a feditse go tlhapa le go apara a emetse go tsamaya. Bubu o robetse nako e e kae maabane bosigo?

4

Ka kotara pele ga ura ya borobedi Bubu le mmagwe ba fitlha kwa boemelabeseng. Bese e kgolo e e talaloapi e solofetswe go fitlha ka ura ya borobedi.

Mmagwe Bubu o lebelela tshupanako ya gagwe. Bese e kgolo e e talaloapi e setse e le thari ka metsotso e le lesometlhano. "Fela bese e tshwara nako ka gale. Ke makala gore mathata ke eng?" a rialo.

5

Ka nakwana batho ba le bantsi ba fitlha kwa boemelabeseng. Le bone ba lebelela ditshupanako tsa bone mme ba botsa gore goreng bese e le thari. "E setse e le ura ya borobonngwe. Ke ya go nna thari kwa tirong!" ga bua monna wa tlhogo e e letwadi ka sutu e e talaloapi.

Bubu le mmagwe ba letile nako e telele go gaisa. Mo go Bubu, go utlwala e kete ke diura le diura. Fela ga go a nna jalo. Ke nako e e kae ba letile?

6

Bubu o tshwenyegile. "A ke tla tsogile ke bone yunifomo ya me?" a botsa mmagwe.

Bubu o dira dipalo tse di bontshang gore loeto lwa go ya toropong le go boa le tla tsaya diura di le 4. Ura e le nngwe go fitlha kwa, diura tse 2 go reka le ura e le 1 go boa. "Ke na le motshameko wa kgwele ya dinao le ditsala tsa me ka ura ya bobedi. Ke solofela gore bese e tla fitlha gaufi kgotsa ga re kitla re boela gae ka nako."

7

Fela ba leta. Ga jaana Bubu o a lela. Batho ba le babedi mo moleng ba boela gae. Ba bangwe ba tswelela go lebelela nako mo ditshupanakong tsa bone.

"A re nneng pelotelele. Ke tshepa gore bese e tla fitlha gaufi," mmage Bubu a ba bolelela. "Ke batla go ya gae!" Bubu a lela."Metsotso fela e e lesome e nngwe," a mmolelela. "Fa bese e ise e fitlhe halofo morago ga ura ya borobonngwe re tla boela gae."

8

Fela ka nako eo ba utlwa bese e duma kwa tseleng. "O a bona ke go boleleletse," mmagwe Bubu a rialo. "Ke halofo morago ga ura ya borobonngwe mo tlhogong. Re tla reka dilo tsa rona ka bonako. Fa bese e ka tloga kwa toropong ka nako, re tla fitlha mo gae pele ga motshameko wa gago wa kgwele ya dinao."

Bubu o iphimola dikeledi. Maoto a gagwe a botlhoko. O lapile. O batla go ipona fela a le mo beseng.

9

Batho botlhe ba maketse, ga ise bese e kgolo e e talaloapi. Ke bese e nnye e e khibidu. Bubu o bala fela difensetere tsa bapalami ba le bane mo letlhakoreng la bese. "Mama," Bubu a rialo, "bese e e nnye thata go feta bese e e talaloapi. Ga go kitla go nna le ditulo tse di lekanang batho botlhe ba ba yang toropong."

A o dumelana le Bubu? A o ka phopholetsa gore bese e nnye e e khibidu e ka tsaya batho ba le kae?

10

"O tshwenyega thata Bubu," mmagwe a mo rumola. "Bonnye rona ba re leng mo boemabeseng re tla nna le ditulo."

"Ka bonako, a re palame gore re bone ditulo tse di siameng. Ke rona re letileng nako e telele!"

11

Bubu le mmagwe ba palama bese. Mo morago ga bone go na le batho ba bangwe ba le 9 mo moleng. "A go tla nna le ditulo tse di re lekanang rotlhe?" Bubu a botsa.

O kgona go bona gore go na le mela e le 4 ya ditulo mo beseng, ka ditulo tse 2 mo karolong e nngwe le tse 2 mo karolong e nngwe. Go na le ditulo tse kae ka palo yotlhe? A batho botlhe mo moleng ba tla kgona go dula?

12

Bubu le mmagwe ba tsaya ditulo tse 2 tse di kwa pele mo thoko ga lebati. Ba na le phatlha e ntsi mo pele ga bone le pono e ntle kwa ntle.

Bubu o bala batho ba ba ntšhwa ba barataro ba ba leng mo moleng. "Se se dira palo ya bapalami ba le 17 gotlhe," a akanya. "Mama, go na le ditulo tse di lekanang batho botlhe," a bolelela mmagwe. "Ke motho a le mongwe fela yo o tla tshwanelang go ema."

A Bubu o badile sentle?

13

Jaanong bese e tletse. Mokgweetsi o tswala lebati mme o a kgweetsa. Go na le modumo kwa ntle. Bubu le bapalami ba bangwe ba lebelela kwa ntle ka fensetere.

Batho ba bangwe ba bantsi ba tabogela go tshwara bese. Ba a goa, "Ema! Ema! Le rona re tlhoka go palama." Fela go setse go le thari. Bubu le mmagwe ba utlwela batho ba ba setseng kwa morago botlhoko.

14

"Ke eng fa o sa tla ka bese e kgolo e e talaloapi?" Mmagwe Bubu a botsa mokgweetsi. "E robegile maabane," a rialo. "Bese e nnye e e khibidu ke yone fela e neng e le teng."

"Jaanong batho ba ba setseng kwa morago bone?" Mmagwe Bubu a mmotsa. "Se tshwenyege," mokgweetsi a rialo, "Ke tlile go dira maeto a mabedi gompieno."

Bubu a reetsa fa ba bua. Dipalo di tletse mo tlhogong ya gagwe.

15

Bubu o bala ditulo gape. "Bese e e pega batho ba le 20, 16 ba ba dutseng le 4 ba ba emeng."

"Ke makala gore bese e tshwanetse go tsaya maeto a le kae go isa batho ba le 100 toropong? Ba le 200 bone kgotsa ba le 150? A ipotsa. A o ka batla karabo?

Bubu o itumetse. Gaufi o tla bo a na le yunifomo ya gagwe e ntšhwa. Mme bese e tla ba busetsa gae, ka nako go ya go tshameka kgwele ya dinao.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Fa bese e kgolo e e talaloapi e le thari
Author - Mecelin Kakoro
Translation - Lorato Trok
Illustration - Mango Tree
Language - Setswana
Level - Read aloud