Ndalo le Pendo – Ditsala tsa nnete
Ruth Odondi
Rob Owen

O ke Ndalo. O na le dingwaga tse 10 mme o dira Mophato wa 5 kwa sekolong sa motse. Ndalo o botlhale thata. "Sephiri sa gagwe ke eng?" baithuti ba bangwe ba a ipotsa.

"O itse go buisa le go kwala thata. O dira jang se?" ba makala. Ndalo o ba bolelela gore ke ka gonne o buisa dibuka tse dintsi. Fa ba senya nako ba sa dire sepe, ene o dirisa nako ya gagwe ka go buisa.

1

Ka dinako tse dingwe Ndalo o dira R80 ka beke. O dirisa madi a go reka dibuka kwa lebenkeleng la dibuka tse di dirisitsweng mo motseng wa gaabo.

Ndalo o amogela jang madi a a lekaneng go reka dibuka tse? Buisetsa pele go itse.

2

O ke Pendo, kgomo ya lelapa ya maši. O dira dilitara di le 20 tsa maši ka letsatsi. Rragwe Ndalo o rekisa maši a.

Kgomo e tlhoka dijo le metsi, le nako ya go fula kwa nageng. Ka jalo letsatsi le letsatsi morago ga sekolo Ndalo o thusa ka tiro e. Rragwe o mo fa madi gore a bo a thusa ka se. Mme Ndalo o boloka madi a go reka dibuka beke nngwe le nngwe.

3

Sa ntlha, Ndalo o fa Pendo ngata ya digwete. O mo fa digwete tse robedi ka letsatsi. Letsatsi le letsatsi o kgetla digwete kwa tshimong ya ga rragwe, tse di lekaneng letsatsi leo.

O ka ipatlela karabo. O tla bona gore Pendo o ja digwete tse di fa tlase ga 60 ka beke. A o ka supa gore o ja tse kae tota?

4

Morago ga moo, Ndalo o isa Pendo go ya go fula kwa mabaleng. Rragwe o mo kgalemile gore a lebelele nako mme a se fe Pendo go feta dikotara tse tharo tsa ura.

Pendo o simolola go fula ka kotara morago ga ura ya bobedi, gore Ndalo a kgone go mo isa kwa lefelong la go gamela ka ura ya boraro. Ka nako ya mariga fa go fifala ka bonako, Ndalo a ka simolola go fula pele ga nako, ka halofo morago ga ura ya bongwe.

5

Morago ga moo Ndalo o fa Pendo metsi. Kwa ntle ga metsi Pendo a ka se kgone go ntsha maši, le fa Ndalo a ka mo fa dijo tse dintsi jang. Ndalo o ga metsi ka diemere kwa pompong ya motse gonne ga go e e gaufi.

Sejana sa ga Pendo sa metsi se tshwara dilitara tse 30 tsa metsi. Emere ya ga Ndalo e tshwara fela dilitara tse 5. Ka jalo go tlatsa sejana sa ga Pendo go tlhoka gore Ndalo a ipoeletse gantsi ntsi. A o ka itirela karabo gore o ipoeletsa ga kae?

6

Jaanong, Ndalo o isa Pendo kwa go rragwe gore a fiwe dikilogerama tse 12 tsa mabele. Ndalo o bala gore e batlile e nna dikilogerama di le 90 ka beke.

Kgetsi nngwe le nngwe e ja R39. Ndalo o bala gore tlhwatlhwa ya mabele ke bokae ka beke. Kwa tshimologong o bala tlhwatlhwa ya dikgetse tse 7 ka R40, se se dira R280. Jaanong o ntsha R7 go fitlhelela R273. "Ke go feta R1 000 ka kgwedi!" Ndalo a phopholetsa. A o nepile?

7

Rragwe Ndalo o gama Pendo gabedi ka letsatsi. O dira dilitara tse 24 ka letsatsi, ka jalo ke dilitara di le 12 kgamo nngwe le nngwe.

Ka dinako dingwe Ndalo o thusa go gama mme ga go bonolo jaaka go lebega. "Ka letsatsi lengwe," a akanya, "Ke tla nna le dikgomo tsa me mme ke tla tshwanela go ikgamela."

8

Rragwe o tshela maši go tswa kwa emereng e kgolo mo metemeng ya dilitara tse pedi kgotsa mo mabotlolong a litara e le nngwe.

Gangwe ka beke rragwe Ndalo o neelana ka dilitara tse 25 tsa maši kwa sekolong go fepa bana. Ngwana mongwe le mongwe o fiwa kotara ya litara ya maši a. Se se raya gore bana ba le 100 ba fiwa maši ka letsatsi le.

9

Rragwe Ndalo o mo fa disente di le 50 mo litareng nngwe le nngwe e a e rekisitseng. Se ga se utlwale e le madi a mantsi, fela rragwe o rekisa dilitara di le 24 ka letsatsi. A o ka bua gore ke bokae?

Ndalo o boloka madi a gagwe go fitlhelela Lamatlhatso fa a ya kwa lebenkeleng la dibuka. Buka nngwe le nngwe e kwa tlase ga R10, ka jalo mo bekeng e e siameng, o kgona go reka tse dintsi.

10

Gape Ndalo o rata go nwa maši a ga Pendo. Rragwe a re maši a thusa go aga marapo a a tiileng le meno mme a dira gore motho a itekanele.

Ka jalo ka go nwa maši le go ja merogo go tswa mo tshimong ya ga rragwe, Ndalo o maatla e bile o itekanetse. Ga a lwale bonolo mme ga a ke a tshwarwa ke tlala.

11

Ndalo ga a ke a lebala go leboga Pendo kwa bokhutlong jwa letsatsi. O mo leboga ka digwete tse dingwe le matlhare a morogo a a a bonang a rapaletse mo tshimong.

"Ke a leboga Pendo, o tsala ya me e kgolo! Ke ka ntlha ya gago gore ke maatla, ke itekanetse e bile ke botlhale. Fa e ne e se ka wena ke ne nka se kgone go reka dibuka tse tsotlhe tse di nthusang gore ke fete botlhe mo phaposiborutelong."

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Ndalo le Pendo – Ditsala tsa nnete
Author - Ruth Odondi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - Read aloud