Bana ba kerese
Southern African Folktale
Wiehan de Jager

Bogologolo tala go kile ga nna lelapa lengwe le le itumetseng.

1

Bana ba ne ba utlwana mme ba sa rate ntwa. Ba ne ba thusa batsadi ba bona kwa gae le kwa masimong.

2

Mme ba ne ba sa letlelelwa go atamela fa thoko ga molelo.

3

Ba ne ba letlelelwa fela go dira ditiro tsa bona bosigo.

4

Ka gonne ba ne ba bopilwe ka kerese!

5

Mme mongwe wa basimane o ne a eletsa go bona letsatsi.

6

Ka letsatsi lengwe keletso ya gagwe e ne ya mo fenya.    Basimane ba bangwe ba ne ba mo kgalema.

7

Mme go ne so setse go le thari! O ne a tlhapologa mo letsatsing.

8

Bana ba kerese ba ne ba utlwa botlhoko go bona o mongwe wa bona a tlhapologa.

9

Mme ba ne ba dira leano. Ba ne ba tsaya kerese e e tlhapologileng ba e aga go nna nonyane.

10

Ba ile ba tsaya nonyane e ba e baya kwa godimo ga thaba.

11

Fa letsatsi le tlhaba, o ile a fofela kwa godima a opela a itumetse.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Bana ba kerese
Author - Southern African Folktale
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First sentences