Baesekele ya ga Bontle
Munanga ASb teachers
Salim Kasamba

Bontle le monnawe ba ipaakanyetsa go ya sekolong.

1

Bontle o palamisa monnawe baesekele ya gagwe.

2

Ditsala tsa bona di a ba itumelela fa ba fitlha kwa sekolong.

3

Fa ba le mo phaposing, tshwene ya fitlha kwa ntle. Ya fitlha ya palama baesekele ya ga Bontle mme ya tshaba ka yona!

4

Bana ba lelekisa tshwene.

5

Tshwene ya tlogela baesekele kwa tlase ga setlhare.

6

Tshwene ya thumela kwa setlhaketlhakeng mo gare ga noka. Ya palama kwa godimo ga setlhare.

7

Tshwene ya ba sadisa sentle! Bana ba tsholetsa matsogo gore e tsamaye sentle. Bontle o nale baesekele ya gagwe gape.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Baesekele ya ga Bontle
Author - Munanga ASb teachers
Translation - Lorato Trok
Illustration - Salim Kasamba
Language - Setswana
Level - First sentences