Ka Sontaga, Jimmy Zogba o ne a nosa nno ya pheyo.
Ka Mantaga, ga feta Setlhopha sa di Cool Cat kokoroga.
"Hei, Rafiki, moriri wa gago wa Zebra o kae?
Ga o a o dirisa sepe fela gompieno jaaka e kete ga o kgathale."
"Hei, Rafiki, thatuu ya gago ya maitirelo e kae?
Letlalo la gago le a bora. Le wena o a bora."
"Hei, Rafiki, meno a gago a gauta a kae?
Meno a gago a sekame."
Ka letsatsi leo, Rafiki a ya gae a iketlile.
"Mangwane, a o ka tsenya moriri wa me mmala wa Zebra?"
"Nka se kgone go dira jalo. Ga nkitla ke bo ke se dira seo."
"Letlalo la me le a bora, Sisi. A o ka ntirela thatuu ya maitirelo?"
"Nnyaa, o siame o ntse o sena yone."
"Mkhulu, e kete ke ka bo ke na le meno a gauta."
"Meno a gauta ga a kaye sepe, ngwanaka."
Mo mafelobekeng a a latelang, Santi Ramires a nosa nno ya phenyo.
Ka Mantaga, Setlhopha sa Cool Cat satla fa go ene.
"Hei, Rafiki! O montle e le tota!"
Rafiki a tsholetsa magetla a re, "Ke lebega jaana, ke setaele sa me se."