Go tsamaya mmogo
Jade Mathieson
Louwrisa Blaauw

Fa re tsamaya mmogo mme tsela e le telele, re tsamaya mmogo re opela.

1

Ke na le wena, o na le nna.

Go monate go tsaya leeto le lelapa.

2

Ke tla go thuthafatsa jaaka koko e namagadi e dira.

E thuthafatsa dikokwana ka diphuka tsa yone.

3

Fa pula e simolola go na, ke tla sireletsa sefatlhego sa gago jaaka hutse eno e dira.

4

Fa go biloga maru a a boitshegang a pula ya matlakadibe, se boife, o lelelang? Ga o nosi.

5

Re tsamaya mmogo e bile ga re ke re lapisiwa ke gone.

Leba fela mo tikologong! Bona bontle jo bo kana kang!

6

Fa o bona sengwe se se tshegisang, o mpolelele ka sone.

7

Fa dinao tsa gago di simolola go opa ka ntlha ya leeto le le telele, se tshwenyege, re fitlhile!

Bona, tliliniki ke e.

8

Rotlhe re tshwanetse go tlhatlhobiwa mometso, makgwafo le ditsebe.

O tshwanetse go nonofa fa o ntse go gola, o se ka wa koafala.

9

A o tshogile? Ntshware ka seatla.

Ngaka e tla tlhatlhoba kgatelelo ya gago ya madi ka go gagamatsa lebanta mo lebogong la gago.

10

Ba re naya molemo, ba re bolelela dilo tse re tshwanetseng go di itse, gore re itekanele.

A re boele gae jaanong.

11

O lapile tota, re bone dilo tse dintsi. Ke nako ya gore o robale.

Robala sentle o ikhutse.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Go tsamaya mmogo
Author - Jade Mathieson
Translation - Peter Mekgwe
Illustration - Louwrisa Blaauw
Language - Setswana
Level - First sentences