Leano le legolo la Tshoswane
Candice Dingwall
Steven McKimmie

Tshoswane e ne e rata go buisa. E bile e ne e rumolwa gantsi.

"Ditshoswane ga di buise. Ditshoswane di tshwanetse go ja. Ditshoswane di kokoanya dijo tsa tsone."

1

Tshoswane e ne e rata go buisa letsatsi lotlhe.

2

Ditshoswane tse dingwe di ne di tsaya dijo tse di di bonang go di bolokela mariga ka fa tlase ga mmu.

3

Batsadi ba yone ba e galefela, mme Tshoswanenyana ya ikotlhaya fela thata.

4

Ka paka ya letlhabula fa ditlhare di tlhotlhorega, ditshoswane di tshwanetse go boloka dijo ka fa tlase ga mmu.

5

Kgosi ya tsone e batla dijo gore e tlatse mabolokelo, ka jalo ditshoswane tsotlhe di tshwanetse go bereka thata.

6

Tshoswanenyana e simolola go goa ka lefelo le e neng e buisa ka lone.

"Re tlhoka resetšhurente, Lefelo le batho ba jang kwa go lone. Ga twe jalo mo bukeng e ke e buisang."

7

Ditshoswane tsa gwantwa ka bongwe ka bongwe. Di gwantela kwa letsatsing le le phirimang.

8

Mme Tshoswanenyana ya re, "Bonang, ke ele!"

9

Ditshoswane tsa gwanta ka bongwe ka bongwe, dikokile dibeka, di tsholeditse dibanse.

10

Fa di boa Kgosi ya tsone ya itumetse. Mabolokelo a tletse. Di goa ka boitumelo.

11

Mme mama le papa ba a e tlamparela.

12

Nnake wa yone wa mosetsana o mo tshwara ka seatla a bo a re, "Ke a tlhaloganya jaanong. Tsela e o ratang go buisa buka ka yone, e dira gore ke batle go e leba."

13
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Leano le legolo la Tshoswane
Author - Candice Dingwall
Translation - Peter Mekgwe
Illustration - Steven McKimmie
Language - Setswana
Level - First paragraphs