A go na le yo o tshwanang le nna?
Fred Strydom
Jess Jardim-Wedepohl

Ke ipotsa gore a ke teng gape golo gongwe mo lefatsheng.

1

A go na le yo o tshwanang le nna.

2

Yo o buang go tshwana le nna.

3

A o na le moriri e e itšhopeletseng jaaka wa me.

4

A o na le matlho le ditsebe jaaka tsa me.

5

A o tshega jaaka nna.

6

A o kgona go dira se ke kgonang go se dira…

7

... e bile a sa kgone se ke sa se kgoneng.

8

Ke lebile gotlhe fela go batla yo o tshwanang le nna.

Ke ne ka tswela kwa phakeng ka leba ka fa morago ga ditlhare.

9

Ke ne ka leba gotlhe, kwa tlase le kwa godimo...

10

… ka leba le sefatlhego sengwe le sengwe.

11

Ga ke a bona ope yo o lebegang jaana nna mo lefelong lepe.

12

Ke nna fela mo lefatsheng lotlhe!

Ke kgethegile, e bile seo ke boammaaruri!

13

Mme e seng nna fela a ga o bone?

Go na le wena fela!

14
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
A go na le yo o tshwanang le nna?
Author - Fred Strydom
Translation - Peter Mekgwe
Illustration - Jess Jardim-Wedepohl
Language - Setswana
Level - First sentences