Koko e e fofang!
Nozizwe Herero
Siya Masuku

Mo polasing nngwe e nnye gaufi le motsana mongwe...

1

go ne go le kokwana e bidiwa Teise.

2

"Fa ke gola, ke batla go fofela kwa godimo, kwa godimo thata kwa marung," Teise a rialo.

3

Dikoko tse dingwe tsotlhe tsa mo tshega.

4

"O a tsenwa wena," tsa mo raya jalo. "Re ka se tlhole re tshameka le wena."

5

"Teise, rotlhe re kgona go itaaganya diphuka mme dikoko ga di kgone go fofa," Mama a mo raya jalo.

6

Teise a gana go utlwa.

O ne a ithuta a le nosi go fofa letsatsi le letsatsi, a itaaganya diphuka.

Pha, pha, pha, o ne a itaaganya diphuka mme a sa kgone go tlhatloga.

7

Fa a ntse a ithuta, a ipona a fofa a le kwa godimo kwa loaping a lebile dikoko fa fatshe.

O ne a ipona a fofa a feta dithaga le dipeolwana.

"Banna!" dinonyane di ne di tla bua jalo. "Koko e e fofang!"

8

Ka jalo …go ne go utlwala Pha, pha, pha, letsatsi le letsatsi Teise a itaaganya diphuka.

9

O ne a kgona go tlhatloga go sekae mme a bo a wa gape.

10

"Ke ka se kgone go fofa!" Teise a raya Mama jalo a lela. "Ga ba ake."

11

"Teise, ga o tshwane le dikoko tse dingwe. Ga di batle go fofa mme wena o a batla! O ka kgona go fofa," Mama a mo raya jalo.

12

Letsatsi le le latelang Teise a palama mo godimo ga hoko ya dikoko mme a itaaganya diphuka a re pha, pha, pha.

A fofela mo phefong mme a itaaganya diphuka … a itaaganya diphuka … a itaaganya diphuka mme a re...

13

RUTHU!

14

Dikoko tse dingwe tsa mo tshega. "Ha ha ha! Re go boleletse! Dikoko ga di kgone go fofa!"

15

Letsatsi le le latelang Teise a palamela kwa godimo le go feta, kwa godimo ga rantabole.

Pha, pha, pha, Teise a itaaganya diphuka.

16

A fofela mo phefong mme a itaaganya diphuka … a itaaganya diphuka … a bo a itaaganya diphuka mme…

17

A nna a fofa!

Phefo ka fa tlase ga diphuka tsa gagwe ya nna maatla mme a fofela kwa godimo-dimo!

Dinthaga le dipeolwane tsa re, "Ijo! Koko e e fofang!"

18

Mme dikoko tse dingwe tsa batla go tshwana le ene.

19

Tsa re, "Teise, o re makaditse!"

20
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Koko e e fofang!
Author - Nozizwe Herero
Translation - Book Dash
Illustration - Siya Masuku
Language - Setswana
Level - First paragraphs