Tselane le dimo
Lorato Trok
Catherine Groenewald

Bogologolotala, go ne go na le mosetsana a bidiwa Tselane. Rragwe o ne a tlhokafetse ka jalo o ne a setse fela le mmagwe. Mmagwe o ne a sa bone mosola wa gore ba nne kwa motseng wa bona. Ka letsatsi le lengwe o ne a bolelela Tselane gore ba fudugela kwa motsaneng o mongwe go simolola botshelo jo bošwa.

1

Tselane o ne a sa batle go tsamaya mme a lela thata. Mmagwe o ne a ineela mme a dumela gore a ka sala. Matsapa e ne e le gore motse o, o ne o itsege ka bo dimo. Le fa bo dimo ba ne ba nna kwa magageng, fa ba ne ba itse gore bana ga ba na batsadi, ba ne ba ba tlhasela.

2

Mmagwe Tselane o ne a dumelana le ena gore o tla mo tlisetsa dijo letsatsi le letsatsi. "Ke tla opela pina mme o tla itse gore ke nna. O seka wa bulela ope mojako ngwanaka," ga rialo mmagwe Tselane. "Pina e ke tla e opelang ke e."

3

"Tselane ngwanaka! Tselane ngwanaka! Tla o tseye bogobe o je. Tla o tseye bogobe o je!"

4

Ka letsatsi le le latelang mmagwe Tselane o ne a tlisetsa Tselane dijo. A simolola go opela: "Tselane ngwanaka! Tselane ngwanaka! Tla o tseye bogobe o je. Tla o tseye bogobe o je!" Tselane o ne a bula mojako wa ntlo mme a ja dijo tse di monate tsa ga mmagwe.

5

Mmagwe Tselane o ne a atla Tselane mme a boela gae. Tselane ene o ne a boela mo ntlong mme a tswala mojako a leka go robala. Dimo o ne a ntse a reeditse ebile a lebeletse se se diragalang magare ga Tselane le mmagwe.

6

Fa Tselane a tima lebone, o ne a utlwa lentswe la dikodu le opela pina ya ga mmagwe mo ntle ga mojako. "Tselane ngwanaka! Tselane ngwanaka! Tla o tseye bogobe o je! Tla o tseya bogobe o je!" "Tloga fa wena! Ga o mme, o dimo!" Dimo o ne a tsamaya a swabile a boela kwa legageng.

7

Mmagwe Tselane o ne a tswelela ka go tlisetsa Tselane dijo bosigo le motshegare. Dimo le ene o ne a sa fele pelo mme a leka go tsena mo ntlong ya ga Tselane. O ne a palelwa ka gale gonne Tselane o ne a utlwa gore ga se lentswe la ga mmagwe.

8

Ka letsatsi lengwe dimo one a tlelwa ke kakanyo. "Nka kgona go fetola lentswe la ka gore le tshwane le la ga mmagwe Tselane!" ga akanya dimo. Dimo o ne a besa molelo o mogolo mme a latlhela tshipi mo go one. Fa tshipi e fetsa go gotela thata ebile e le khibidu, a e metsa! "Kudutlu!" ga utlwala modumo wa tshipi fa e feta mo mometsong wa ga dimo.

9

Dimo o ne a simolola go opela go utlwa gore a lentswe la gagwe le fetogile. O ne a tlolela godimo ka boitumelo fa a utlwa lentswe la gagwe le le molotsana jaaka la ga mmagwe Tselane!

10

Ka letsatsi le le latelang, pele ga mmagwe Tselane a fitlha, Dimo o ne a ya kwa ntlong ya ga Tselane mme a opela: "Tselane ngwanaka! Tselane ngwanaka! Tla o tseye bogobe o je. Tla o tseye bogobe o je!"

11

Ka boitumelo Tselane o ne a bula fa a utlwa lentswe le le molotsana la ga mmagwe. O ne a makala go bona dimo a eme mo pele ga mojako. Tselane o ne a leka go tswala mojako ka bonako pele dimo a ka tsena. Dimo o ne a itatlhela mme a phamola Tselane a mo latlhela mo kgetsing.

12

Dimo o ne a tsamaya a opela go ya legageng la gagwe, a itumetse thata! "Fa nkabo ke nale bojalwa jwa setso, bo ne bo tla tsamaisana monate le seshabo sa ka sa gompieno. A monate wa letsatsi banna!" ga bua dimo a le esi a bina-bina.

13

Mmagwe Tselane o ne a fitlha jaaka gale mme a opela pina ya gagwe. O ne a makala fa Tselane a sa bule mojako, mme a opela gape. Ga boraro o ne a raga mojako mme a fitlhela Tselane a se teng! O ne ka gangwe a itse gore o tseilwe ke dimo!

14

O ne a loga leano la go golola morwadiagwe mo go dimo pele ga a ka mo ja. O ne a itse gore bo dimo ba rata bojalwa jwa setso thata. Mmagwe Tselane o ne a ya gae ka bonako mme a apaya bojalwa jwa setso. O ne a bo tshela mo kgamelong e kgolo mme a bo rwala ka tlhogo. O ne a kokota kwa legageng la ga dimo.

15

Dimo o ne a utlwile monkgo wa bojalwa jwa setso mme a bula mojako ka bonako. "Dumela rra! Ke ne ke feta ka tsela mme ka utlwa o opela monate. Ke fetela kwa motseng go ya go keteka moletlo wa botsalo jwa ngwana." Dimo o ne a ka se tlogele bojalwa jwa setso bo mo feta. O ne a laletsa mmagwe Tselane mo ntlong mme ena a baya bojalwa mo fatshe gore dimo a tswe pelo. "Tla ke go tshelele pele ke boela morago," ga rialo mmagwe Tselane.

16

Mmagwe Tselane o ne a bolaisa dimo bojalwa go fitlhela nkgo e nna lolea. Dimo o ne a tlhapelwa thata, a wela mo fatshe ka boroko.

17

Erile mmagwe Tselane a utlwa dimo a gona, a bula kgetsi mme a ntsha Tselane mo go yone. Ba ne ba tswa ka legaga mme ba tshabela gae. Tselane o ne a ya go nna le mmagwe kwa motsaneng o mošwa mme ba tshela monate!

18
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tselane le dimo
Author - Lorato Trok
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs