Neo le lelobu
Alan Kenyon
Wiehan de Jager

Bogologolotala go ne go le banyalani bangwe ba ba humanegileng. Ba ne ba nale ngwana a le mongwe fela a bidiwa Neo, o ba neng ba mo rata thata. Fa a ne a godilenyana, batsadi ba gagwe ba ne ba mo romela go ya go dula le malomaagwe, Ramontsho. O ne a humile. Mmagwe Neo o ne a mo direla diaparo tse di kgethegileng. O ne a mo direla le dibaga tse dintle. Neo o ne a tsena mo tseleng go ya go malome Ramontsho.

1

Mo tseleng, Neo o ne a fitlha kwa motsweding. O ne a tshela motswedi mme a kopana le mosetsana a apere diaparo tse di makgasa. "O ya kae?" Mosetsana yo a mmotsa. "Ke ya go etela malome Ramontsho," Neo a araba. "Le nna Ramontsho ke malome wa me! Ke mo tseleng go ya go mo etela," ga bua mosetsana yo. Ba ne ba tsamaya mmogo. Morago ga nakwana, mosetsana o ne a re go Neo, "Diaparo tsa gago le sebaga t di dintle. A o ka nkadima tsone?"

2

Neo o ne a adima mosetsana diaparo tsa gagwe. Fa mosetsana a apola makgasa a gagwe, Neo o ne a lemoga gore o na le mogatla! Neo o ne a tshogile fa a lemoga gore mosetsana yo, ene e le lelobu. Ba ne ba tsamaya sebakanyana, mme Neo a re, "Ke kopa o mphe diaparo tsa me le dibaga tsa me."

3

"Ke tla di apara go fitlha kwa setlhareng se se latelang," ga araba lelobu, le bua le supa setlhare se se kwa thoko ga thabana. Erile fa ba fitlha kwa setlhareng, Neo a kopa lelobu, "Ke kopa diaparo tsa me le dibaga tsa me." "Ntetle ke di apare go fitlha kwa lebaleng le le," ga rialo lelobu. Mme a supa lebala le le kwa thoko ga thabana. Neo o ne a tshogile, mme a dumela.

4

Fa ba a fitlha kwa lebaleng leo, Neo o ne a kopa lelobu, "Ke kopa diaparo tsa me le dibaga sa me." "Ntetle fela ke di apare go fitlha kwa ntlong e le, kwa go dutseng basadi," lelobu la araba. A bua a supa ntlo e e kgakajana. Ba ne ba tswelela go tsamaya. Fa ba atamela ntlo eo, lelobu le ne la kgorometsa Neo mme la tabogela kwa pele.

5

Lelobu le ne la re go basadi, "Bonang fela mosetsana yo o apereng makgasa. O tlhotse a ntshetse morago letsatsi lotlhe. Ke eletsa fa a ka tlogela go ntshala morago." Basadi ba ne ba lebelela Neo. O ne a tshogile, a tshaba, a iphitlha kwa lesakeng. Lelobu le ne la ya kwa ntlong ya ga malome Ramontsho. Fa le fitlha koo, la mo raya la re, "Ke setlogolo sa gago, Neo. Batsadi ba me ba nthometse go tla go dula le wena."

6

Ramontsho le ba lelapa la gagwe ba ne ba amogela mosetsana ka boitumelo. Neo wa batho ena o ne a tshwanela go robala mo lesakeng le go ja le dintša. Mo motshegareng o ne a iphitla mo mabaleng mme a opela pina e: "Kutlobotlhoko ya me. Batsadi ba me ba nthometse go dula le malome Ramontsho. Mo tseleng, ka kopana le lelobu. La ntseela diaparo le dibaga. Kutlobotlhoko ya me."

7

Ka letsatsi lengwe morwa wa ga Ramontsho wa leitibolo o ne a tsamaya mo mabaleng. O ne a utlwa pina e e sa tlwaelegang e e botlhoko. O ne a sa itse gore ke mang a opelang, mme erile a fitlha kwa gae a bolelela rragwe. Ramontso o ne a ya kwa mabaleng. O ne a utlwa pina, mme a lebelela go fitlha a bona Neo.

8

Neo o ne a bolelela malomaagwe tsotlhe tse di mo diragaletseng. Ramontsho o ne a tsamaya le ene kwa motseng, mme a mo fitlha mo ntlong. O ne a itse gore o tshwanetse go dira eng go thswara lelobu. Ramontsho o ne a kile a utlwa gore lelobu le rata mašwi, ebile le ka se fete lefelo le le na leng mašwi le sa a a nwe. O ne a kopa badiri ba gagwe go epa mosima le gore ba o tlatse ka madila.

9

Ramontsho o ne a bitsa basetsana botlhe ba mo motseng go tsaya karolo mo kgaisanong ya go tlola mosima. Lelobu le ne le tshwenyegile ka le ne le sa batle go tlola mosima. Lelobu le ne le itse fa mogatla wa lona o nyoretswe madila. Ka moo, le ne la tsena mo ntlong mme la bofelela mogatla wa lona mo mmeleng gore o seke wa bonala. Le ne la ya go tlola mosima le basetsana ba bangwe.

10

Basetsana ka bongwe ka bongwe ba ne ba tlola mosima o o tletseng madila. Nako ya lelobu ya go tlola e ne ya fitlha. Erile fa le tlola mosima, mogatla wa lona wa bofologa. Mogatla wa lona o ne wa gogela lelobu kwa tlase-tlase ga mosima mo madileng.

11

Fa lelobu le sena go wela mo mosimeng o o tletseng madila, banna ba ne ba katela mosima ka mmu. Se ya nna bokhutlho jwa lelobu. Neo o ne a dula ka boitumelo le malomaagwe.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Neo le lelobu
Author - Alan Kenyon, Viv Kenyon
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs