Bopelokgale jwa ga Bonolo
Violet Otieno
Vusi Malindi

Bogologolotala go ne go nale monna yo o neng a nale ntho e e botlhoko thata mo leotong la gagwe. O ne a sa kgone go ema le go tsamaya. Monna yo o ne a dula le mosadi wa gagwe le bana.

1

Banyalani ba, ba ne ba nale barwa ba le bararo le morwadi a le mongwe. Leina la morwadiabona e ne e le Bonolo. Tiro ya gagwe e ne e le go tlhokomela rragwe. Tiro ya basimane e ne e le go lema masimo le go isa diphologolo mafulong.

2

Bonolo e ne e le mosetsana yo montle thata. Baagi botlhe ba motse ba ne ba mo rata ebile ba mo tlotla. Batsadi ba gagwe ba ne ba batla gore a nyalwe ke monna yo o siameng. Ba ne ba baya molao o o thata gore a nyalwe ke monna yo o siameng.

3

Mongwe le mongwe yo o neng a batla go nyala Bonolo, o ne a tshwanetse go tla ka modi kwa letsheng le le gaufi le motse. Modi o, o ne o tla fodisa ntho ya ga rragwe Bonolo. Mme fela letsha le ne le tletse ka mewa e e kotsi.

4

Banna bangwe ba ne ba leka go tla ka modi oo, mme ba boa ba iphotlhere. Banna bangwe ba ne sa ba boe go tswa letsheng.

5

Bonolo o ne a tshwenyegile. Tota le bomorrwarragwe ba ne ba tshaba go ya kwa letsheng. O ne a swetsa go ya kwa letsheng. Mmagwe a re, "Morwadiake, fa go paletswe banna ba ba maatla, wena a o tla atlega?" Mme fela Bonolo o ne a feditse le mogopolo wa gagwe.

6

Fa a le mo tseleng, Bonolo o ne a kopana le mosadimogolo a rwele dikgong. O ne a thusa mosadimogolo go rwala dikgong. Mosadimogolo o ne a leboga. O ne a re go Bonolo, "Ke tla go bolelela gore o fitlhelele jang moya o o maswe wa kwa letsheng le gore o dire eng fa o fitlha koo."

7

Fa Bonolo a fitlha kwa letsheng, o ne a bona mewa e nwa e bile e bina. O ne a leta mme a bogela. Ka bongwe ka bongwe, mewa e ne ya robala.

8

Fa mewa yotlhe e sena go robala, Bonolo o ne a itatlhela mo letsheng. O ne a bona modi mme a o tsenya mo kgetsaneng. Fa a thuma a boela kwa morago, makhubu a ne a mo dikaganyeditse.

9

Fa Bonolo a fitlha kwa ntle ga letsha, mewa e ne e tsogile. O ne a tshogile, mme a opela pina e mosadimogolo a mo rutileng yona: Nna, morwadia motho, ke tswa kwa letsheng. Ke tlile ka ntlha ya gore banna ba tshaba go tla. Rre o tlhoka modi o, gore a alafe ntho ya gagwe. Ke ka moo ke leng fa, Mo lefatsheng le ba bantsi ba tshabang go fitlha, Ka gonne lo babusi.

10

Lentswe la ga Bonolo le ne le le molotsana thata mo ebileng mewa e ile ya mo kopa gore a ba opelele gangwe le gape. Kopelo ya gagwe e ne ya dira gore mewa e robale gape. Ka jalo Bonolo a taboga ka lebelo go boela kwa motseng wa gagwe.

11

Batho botlhe ba ne ba emetse Bonolo gore a boele gae. Fa a fetsa go alafa ntho ka modi, rragwe o ne a kgona go ema gape. Batho botlhe ba motse ba ne ba ne ba bina mme ba paka Bonolo.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Bopelokgale jwa ga Bonolo
Author - Violet Otieno
Translation - Lorato Trok
Illustration - Vusi Malindi
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs