Koko o tsietsa Lenong
Nathan Higenyi
Rob Owen

Bogologotala Koko le Lenong e ne ele ditsala. Ka letsatsi le lengwe Lenong o ne a fitlhela Koko a ikhutsitse mo tlase ga setlhare a tswa mabenkeleng. Koko o ne a eme ka leoto le le lengwe.

1

"Leoto la gago le lengwe le kae?" Lenong a botsa Koko.

2

"Ralebenkele o kgaotse leoto la me mme a mpha dikgetsi tse di tletseng dijo tse mo boemong," Koko a bolelela Lenong.

3

Lenong a botsa Koko gore a le ene a ka dira jalo. Le ene o ne a batla kgetsi ya dijo. Koko a dumela.

4

Lenong o ne a ya go ralebenkele, mme a kopa gore a mo kgaole leoto a mo fe dikgetsi tsa dijo mo boemong. Ralebenkele o ne a dumela.

5

Lenong o ne a tlola-tlola ka leoto le le lengwe go ya gae. Mme fela o ne a itumeletse dilo tse ralebenkele a mo fileng tsone.

6

Fa Lenong a fitlha kwa gae, o ne a fitlhela Koko a nale maoto a mabedi.

7

Lenong o ne a tenegile mme a lelekisa Koko. Mme fela a se mo tshware. Ka jalo, Lenong o dula a batlana le bana ba dikoko. Fa a tshwara mongwe wa bone, o a ba ja.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Koko o tsietsa Lenong
Author - Nathan Higenyi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - First paragraphs