Kagiso o tlhoka diaparo tse dintšhwa tsa sekolo. Rragwe o mo isa marekelong.
Kagiso o bona mosimane a apere hempe e ntle. "Ke hempe e ntle thata e," Kagiso a nagana.
"Fa fela nka be ke nale hempe e e tshwanang le ya mosimane o", Kagiso a rialo.
"Bona, o rekisa dihempe tsele tse di kgethegileng," Kagiso a rialo. "Rra, tswee-tswee nthekele nngwe ya tsone," a kopa.
"Kagiso, ke tshwanetse ke reke diaparo tsa gago tsa sekolo," ga rialo rragwe.
"Ga kena madi a a lekaneng go reka hempe eo," rre a rialo.
Rragwe Kagiso o duelela diaparo tsa sekolo. O maketse fa a boelwa ke madi a mangwe. Go nale madi a a lekaneng go reka hempe!
Ke letsatsi la matlhogonolo la ga Kagiso! O ile go tlhopa hempe efeng?