Morutabana wa me
Zimbili Dlamini
Jesse Pietersen

Ke rata morutabana wa me.

1

Ke morutabana yo o siameng. O bonolo ebile o pelotelele.

2

O logile moriri wa gagwe bontle thata.

3

O kgabisitse moriri wa gagwe ka dibaga tse dintle tse di mebala-bala.

4

Dibaga tsa gagwe di nale mmala o motala, o mosweu, o mokhibidu le o o serolwane.

5

Mme, a o ka loga moriri wa me jaaka wa morutabana wa me?

6

Fa ke godile, ke tla tsenya dibaga mo moriring wa me.

7

Ke tlile go gola go tshwana fela jaaka morutabana wa me!

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Morutabana wa me
Author - Zimbili Dlamini, Hlengiwe Zondi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Jesse Pietersen
Language - Setswana
Level - First words