Leeto la go batla moya wa boitumelo
Mosa Mahlaba
Selina Masego Morulane

Mariga a magolo a fetile. Dikgakologo di ne di atametse kwa motseng wa ga Naledi. Mo sebakanyaneng, baagi ba motse ba ne ba tla go keteka setlha se sešwa. Moletlo wa keteko ya dikgakologo e ne e le moletlo o Naledi a neng a o rata go feta meletlo yotlhe ya ngwaga.

1

Moso mongwe o o neng o thutafatse, Naledi o ne a utlwa bagolo bangwe ba babedi ba motse ba bua ka moletlo o. "Baagi ba Batloung ba latlhegetswe ke moya wa go keteka," mongwe wa bona a bua a swabile. "Re tla nna jang le moletlo wa go keteka dikgakologo mo motseng o o lebetseng go keteka?" ga botsa o mongwe.

2

Naledi o ne a tshwenyegile. "Letsatsi le tla phatsima jang gape ntle le gore re le opelele, re le tsose mo borokong jwa mariga?" a ipotsa. Naledi o ne a akanya  nako e telele. "Ke tshwanetse go batla se se re latlhegetseng" a tsaya tshwetso. "Ke tshwanetse ke tsamae ke ye go batla dilo tse di tla tsosoIosang moya wa go keteka mo motseng wa me."

3

Bagolo ba motse ba ne ba fa Naledi masego a leeto. Ba ne ba mo fa kgetsana go tsenya dilo tse a ka di fitlhelelang. Naledi o ne a tshogile, mme fela o ne a dumela gore o tla atlega.

4

Naledi o ne a tsamaya letsatsi lotlhe. A palama thabana, a fologela kwa tlase mo segotlhong. A tsamaya ka mokoro mo nokeng e kgolo, a feta mo gare ga matlapa a a bogale. O ne a tsamaya nako e telele mo gare ga dikgwa go fitlhela a bona moriti wa dithaba tse dikhibidu.

5

Fa bosigo bo atamela, Naledi o ne a goroga kwa motseng wa mebala-bala, le meaparo e mentle e o neng a simolola go e bona. O ne a bolelela bagolo ba motse ka ga leeto la gagwe la go tlisa moya wa go keteka mo bathong ba gagwe. Mme wa morafe o, o ne a fa Naledi mpho. A mo raya a re, "Ka lerato, re go fa setshwantsho se gore o tle o busetse gape mebala mo motseng wa gago o o bodutu." Naledi o ne a leboga bagolo ba motse mme a tsenya setshwantsho mo kgetsing ya gagwe. Mo mosong o o latelang, o ne a tsena mo tseleng gape, a itumeletse mpho ya gagwe ya mebala.

6

Naledi o ne a tsamaya letsatsi lotlhe, mo gare ga sekgwa sa ditlhare tse dikgolo. Erile go fifala, mme a sa kgone go bona, o ne a utlwa medumo ya meropa. O ne a itlhaganelela kwa meropa e lelang gona, a utlwa moya wa mmino mo maotong a gagwe a a lapileng.

7

Naledi o ne a iphitlhela a le kwa motseng wa Bataung. Batho ba ne ba eme go ralala molelo, ba letsa meropa mme ba opela. O ne a simolola go utlwa  mmino o o monate jalo. O ne a bolelela bagolo ka leeto la gagwe la go tlisa moya wa go keteka kwa motseng wa gagwe. Bataung ba ne ba mo laletsa go ikhutsa le go robala bosigo joo.

8

Mo mosong kgosi e ne ya bitsa Naledi. "Ngwanaka," a rialo, "se ke moropa o o kgethegileng. Nako le nako fa o o letsa, o tshameka pina e ntšhwa." Naledi o ne a leboga bagolo ba motse mme a tsenya moropa mo kgetsing ya gagwe. O ne a tsena mo tseleng gape, a itumeletse mpho ya gagwe ya mmino.

9

Ka letsatsi la boraro la leeto la gagwe, fa a feta lebala la dikgomo tse di nonneng, nko ya gagwe ya simolola go tlhotlhona. Monkgo o o monate wa dijo wa utlwala, mme molomo wa gagwe wa rokotsa mathe. O ne a sala monkgo o morago, mme fa a goroga kwa motseng o, a fitlhela batho ba eme mo thoko ga dipitsa tse di tletseng dinama tse di rokotsang. Morafe o, o ne o tumile ka meletlo ya bona, mme Naledi o ne a simolola go ja dijo tse di monate tsa mefuta-futa. Fa a fetsa go ja, a bolelela bagolo ka ga leeto la gagwe la go busetsa moya wa go keteka kwa motseng wa gagwe.

10

Ka letsatsi le le latelang, setlhopa sa baapei se ne sa mo fa sephiri sa metswako ya dinoko. "Morwadi," ba rialo, "Ka dinoko tse, re go tshepisa gore mala a tla itumela! Re go fa mpho ya bokgoni jwa go apaya dijo tse di monate." Naledii o ne a leboga bagolo mme a tsenya dinoko tsa gagwe mo kgetsing. O ne a itse gore o nale tsotlhe tse a di tlhokang. Ka maatla a a ntšhwafetseng, a simolola leeto la go boela motseng wa gagwe wa Batloung.

11

Fa a goroga kwa motseng baagi ba ne ba mo kgobokanela, ba batla go utlwa ka leeto la gagwe. O ne a ba bolelela tsotlhe tse a di boneng, tse a di utlwileng le tse a di jeleng. Naledi a bula kgetsi ya gagwe go kgaoganya dimpho tse a di filweng. Batho ba ne ba itumelela go amogela dimpho tse. Ka ntlha ya dimpho tsa batho ba bangwe, le boganka jwa ga Naledii, baagi ba motse ba ne ba bona mebala, pina le mmino mo matshelong a bona. Ka jalo moya wa go keteka o ne wa boela gape mo motseng wa Batloung.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Leeto la go batla moya wa boitumelo
Author - Mosa Mahlaba
Translation - Lorato Trok
Illustration - Selina Masego Morulane
Language - Setswana
Level - Read aloud