Katlego, mosetsana yo o buang thata
Gaspah Juma
Jesse Breytenbach

Bogologolotala go ne go na le mosetsana a bidiwa Katlego. Katlego e ne e le mosetsana yo o buang thata. Mmagwe Katlego o ne a mo kgalemelela go bua thata, mme fela Katlego a se utlwe.

1

Ka letsatsi lengwe, rakgadi wa ga Katlego o ne a lwala. O ne a dula go tshela molapo go tswa kwa motseng wa gaabo Katlego.

2

Mmagwe Katlego o ne a tshwaregile thata ka letsatsi leo. Go ne go le lotlatlana fa a fa Katlego dijo gore a isetse rakgadi wa gagwe yo o lwalang.

3

Mo tseleng Katlego o ne a kopana le Sinson, phiri e e kgonang go iphetola go nna motho.

4

Sinson o ne a mmotsa gore o tshwere eng. Katlego a araba, "Nama, mae le mašwi." Mmagwe Katlego o mo kgalemetse gore a se bue gore o tshwere eng.

5

Gape Katlego o ne a bolelela Sinson gore rakgadi wa gagwe o a lwala ebile o mo isetsa dijo. Sinson o ne a simolola go rokoga mathe fa a akanya ka ga nama e Katlego a e tshwereng.

6

O ne a tabogela kwa pele ga Katlego go ya kwa ga rakgadi wa gagwe.

7

O ne a metsa rakgadi wa ga Katlego mme a ikhurumetsa ka kobo ya gagwe.

8

Fa Katlego a goroga, ntlo e ne e rile tuu. O ne a tsena mo gare mme  a goa, "Rakgadi, o kae?"

9

Fa a ne a sa utlwe lentswe la rakgadiagwe, Katlego o ne a tsenela kwa gare ga phaposi kwa rakgadiagwe a robalang teng. O ne a makala a bona motho a khurumeditswe ke kobo e kgolo.

10

"Rakgadi, ke eng fa ditsebe tsa gago di le dikgolo gompieno?" Katlego a botsa. Sinson a araba a le kwa tlase ga kobo, "Gore ke kgone go go utlwa sentle."

11

Katlego a botsa gape, "Rakgadi, ke eng fa matlho a gago a le magolo jaana gompieno?" Sinson a araba, "Gore ke kgone go go bona sentle."

12

La bofelo,  Katlego a botsa, "Rakgadi ke eng fa molomo wa gago o le mogolo jaana gompieno?" Sinson a araba, "Gore ke kgone go go kometsa." Sinson o ne a tlola kwa godimo ga bolao mme a kometsa Katlego.

13

Ka gonne Katlego o ne a bua thata, o ne antse a tsweletse go bua a ntse a le mo maleng a ga Sinson. O ne a botsa dipotso tse dintsi.

14

Kwa bofelong, Sinson o ne a lapisitswe ke dipotso tsa ga Katlego, a feleletsa a mo kgwetse kwa ntle.

15

Katlego le rakgadi wa gagwe ba ne ba thusiwa ke baagi ba motse. Go tloga ka letsatsi leo, Katlego o ne a se tlhole a bua le batho ba a sa ba itseng.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Katlego, mosetsana yo o buang thata
Author - Gaspah Juma
Translation - Lorato Trok
Illustration - Jesse Breytenbach
Language - Setswana
Level - First paragraphs