Kgosi ya dinonyane
South African Folktale
Wiehan de Jager

Bogologolotala, dinonyane di ne tsa tshwara kopano. Di ne di batla kgosi, fela jaaka batho le diphologolo. Ke nonyane efe e e tshwanetseng go nna kgosi?

1

"Ke Ntsu, o nale maatla le seemo sa bogosi!" ga bua nonyane nngwe. "Nnyaa, ga a na serwalo, le fa a goa, o utlwagala ekare o utlwile botlhoko," ga bua e nngwe.  "Mme Ntšhwe, ka gonne ke nonyane e kgolo ebile o rora jaaka tau," e nngwe ya goa. "Nnyaa, ga a itse go fofa. Kgosi ya dinonyane e tshwanetse e itse go fofa."

2

"Ke akanya gore ke nne kgosi," ga rialo Phikoko, a tsharolola mogatla wa gagwe. "Ke montle thata." "O mabela thata," ga bua Lerubisi. "Ke nale matlho a magolo go feta dinonyane tsotlhe. Ke tshwanetse ke nne kgosi." "Nnyaa, eseng wena Morubisi," ba goa. "Fa letstasi le tlhaga wena o a robala."

3

Mme se ga se aka sa ba isa gope. Nonyane nngwe ya tlelwa ke kakanyo. "Yo a ka kgonang go fofela kwa godimo go feta botlhe ke ena a ka nnang kgosi," a rialo. "Ee, ee," ba goa, mme botlhe ba fofela godimo, godimo, kwa loaping.

4

Ganse e ile ya fofa letsatsi lotlhe, kwa godimo ga dithaba tse di kwa godimo mo lefatsheng lotlhe. Ntsu e ile ya fofa malatsi a mabedi mo botaleng jwa legodimo kwa godimo ga dithaba. Mme Lenong lona la fofela godimo malatsi a mararo le sa emise, go ya go lebagana le letsatsi.

5

Kwa godimo ga bona, dinonyane tsa utlwa Lenong le goa, "Ke nna kwa godimo, ke kgosi!"

6

Mme fela kwa godimo ga gagwe, Lenong la utlwa lentswe le lennye, "Tswir, tswir, tswir! Ke nna yo o kwa godimo, ke kgosi. E ne ele Tswere, Motswiri, nonyane e nnye go di feta tsotlhe! O ne a itshwareletse ka diphuka tse dikgolo tsa Lenong fa le fofela kwa godimo!"

7

"Ga o na go mphala gape," ga bua Lenong, la fofela kwa godimo-dimo kwa moyeng. Le ile la fofela kwa godimo go fitlhela le sa tlhola le kgona go fofa. "Ke kwa godimo go feta dinonyane tsotlhe. Ke nna kgosi ya lona!" la goa.

8

Mme kwa tlase ga lefuka la gagwe ga tswa nonyane ennye. "Tswir, tswir! Tswir, tswir! Ke nna, o monnye go feta botlhe! Ke nna kgosi ya lona." Lenong le ne le lapile thata le sa tlhole le kgona go fofela kgakala.

9

Ka jalo la fofela tlase- le nonyane e nnye e sale mo tlase ga lefuka la yona. Dinonyane tse dingwe di ne di tenegetse Tswere. Di ile tsa mo emela, di emetse fela go tomola diphuka tsa gagwe tsotlhe.

10

Mme nonyane e nnye e e bonako ya bona ka moo di tenegileng ka teng, mme ya fofela mo mokoting o o lolea wa noga.

11

"Ka matlho a gago a magolo, o tshwanetse o dise mokoti o mme o mo tshware fa a tswela kwa ntle," ba rialo go Morubisi. Ka jalo Morubisi a leta mo pele ga mokoti.

12

Mme fela letsatsi le ne le thutafetse mme ka sebakanyana Morubisi ke fa a ile ka boroko. Nonyane e nnye ya okomela kwa ntle, ya bona Morubisi a robetse, z-zip, ke fa e ile.

13

Morubisi o ne a swabile thata gore o tlogetse nonyane e nnye e tshaba. Jaanong o tsoma fela bosigo. Motshegare, o a robala, kgakala le matlho a dinonyane tse dingwe.

14
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kgosi ya dinonyane
Author - South African Folktale
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs