Motogo
Zimbili Dlamini
Catherine Groenewald

Lebo o ipaakanyetsa go ya sekolong.

1

Rre o apaya motogo gore re fitlhole.

2

"Mme o apaya motogo o o monate!" ga rialo Lebo.

3

Motogo o fa Lebo maatla kwa sekolong.

4

Motogo o butswile.

5

Rre o tshela mašwi, ka lerato.

6

"Rra, ke akanya gore motogo o o tlhoka sukiri e ntsi," ga rialo Lebo.

7

"Motogo wa ga mme o monate go feta wa ga rre," Lebo a akanya.

8

"Rre, ke kopa o mphe  sukiri e nngwe gape," Lebo a kopa.

9

Rre o fa Lebo sukiri gape.

10

"Iyo! Rre! O tshetse letswai mo motogong wa me!"

11

"Rre, mme o tlile go boela leng gae?" Lebo a botsa.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Motogo
Author - Zimbili Dlamini, Hlengiwe Zondi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - First words