Monang o o tshwenyang
Ursula Nafula
Magriet Brink

Kong kong! Kong kong!

1

"Ke mang?" Ka boletsa mo borokong.

2

"Ke nna," ga araba lentswe le le kwa tlase.

3

"'Ke mang, 'nna'? Ka botsa."

4

"Ke go boleletse, ke n-n-a f-e-l-a-," lentswe le le la bua gape.

5

"Ga ke itse ope yo o bidiwang 'n-n-a-f-e-l-a'," ka araba. Ka tlhola gore nete ya me ya montsane e ntse sentle mo bolaong.

6

"Leina la me ke Kepi." Lentswe le utlwala le tshosa ebile le le gaufi le tsebe ya me.

7

"Kepi ke mang?" Ka botsa ke ntse ke lebelela mo tlase ga nete.

8

"Kepi Monang," lentswe la bua kwa bofelong. Ka utlwa ke longwa mo tsebeng.

9

"Iyo!" Ka tlolela godimo mme ka tshimolola go phuruphutsha.  "O tlile go duelela se!" Ka goa.

10

Ka go tenega, ka fologa mo bolaong mme ka tshuba lebone.

11

Ka ipaakanyetsa ntwa e kgolo le Kepi Monang!

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Monang o o tshwenyang
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - First sentences