Mmutla o tsietsa Tlou gape
Agnes Gichaba
Wiehan de Jager

Bogologolotala Tlou le Mmutla e ne ele ditsala tse di ntshanang se inong. Ba ne ba nale motlhape o montsi wa dikamele, dikgomo, le dinku.

1

Motlhape wa bona o ne a fula kwa molapong wa Moretele. Ka dinako tse dingwe ba ne ba isa diphologolo tsa bona kwa dithabeng, kwa go neng go tletse bojang le metsi.

2

Fa diphologolo di fula, Mmutla le Tlou ba ne ba itisa ka metshameko. Motshameko o ba neng ba o rata thata e ne la kgwele ya dinao.

3

Ka dinako tsotlhe fa ba tshameka, Tlou o ne a nosa dino tse dintsi go feta Mmutla. Se se ne se sa itumedise Mmutla le eseng.

4

Ka letsatsi lengwe Mmutla a botsa Tlou, "Ke ka ntlha ya eng o nale bokgoni jo bokana?" Tlou a araba ka bonako, "Maoto a me a magolo."

5

Ka letsatsi le le latelang, Mmutla a tshitshinya gore ba taboge lebelo. Tlou a dumela mme ba simolola lebelo.

6

Mmutla a fenya mabelo otlhe. Tlou o ne a sa itumela ka gonne o ne a tlwaetse go fenya ka gale. Mme a botsa Mmutla, "Ke eng se go dirang lebelo?" Mmutla a araba, "Maoto a me a masesane."

7

Kwa ntle le go nagana, Tlou a botsa gore a ka dira eng gore maoto a gagwe a nne masesane. Mmutla are, "Go bonolo, ke tla go bontsha ka molelo."

8

Mmutla a re, "Tsenya maoto a gago mo molelong." Tlou o ile a tsena mo molelong. A goa, "Ke a sha! Ke a sha!"

9

Mmutla o ne a itumetse. O ile a rotloetsa Tlou gore a itshoke, ka gonne go fisa maoto a gagwe ke gona fela go ka dirang gore a nne masesane.

10

Maoto a ga Tlou a ne a tuka malakabe, ka jalo a gagabela kwa ntle. O ne a sa kgone go ema ka maoto a gagwe, ka jalo a rapalala mo fatshe.

11

Tlou o ne a dula mo fatshe malatsi a le mantsi pele ga a ka kgona go ema ka maoto a gagwe.

12

Kwa bofelong, o ile a kgona go tlhotsetsa gae go ba lelapa la gagwe.

13

Mmutla le Tlou ga e sa le ditsala.

14
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mmutla o tsietsa Tlou gape
Author - Agnes Gichaba, Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs