Kgosi Mothupi le morwadiagwe
Amana Yunus
Natalie Propa

Bogogolotala go ne go le kgosi e bidiwa Mothupi. O ne a dula mo ntlong ya segosi le mmakgosi le morwadiabona, kgosigadi Dineo. Kgosigadi Dineo o ne a le bontle jwa go tshwana le naledi, mme banna botlhe ba motse ba ne ba batla go mo nyala. Kgosi Mothupi o ne a batla magadi a a thibang letsatsi.

1

Gaufi le ntlo ya segosi go ne go dula kgosana nngwe e bidiwa Moroka o mogolo. O ne a bidiwa o "mogolo" ka gonne o ne a obamelwa ke batho botlhe ba motse. Fa o ne o sa mo obamele o ne a go tlhagisetsa kotsi! E ne e se kgale mosadi wa ga kgosana Moroka a tlhokafetse ka ntlha ya malaria. Kgosana o ne a batla mosadi yo mongwe.

2

Ka jalo kgosana e e nonneng ebile e tsofetse e, e ne ya etela Kgosi Mothupi ka maikaelelo a go ntshetsa kgosigadi Dineo magadi. Fa banna ba babedi ba ba ntse ba bua, mothusi wa mo ntlung ya kgosi, Phemelo, o ne a utlwa puisano ya bona. Phemelo le kgosigadi Dineo ba ne ba utlwana thata.

3

Kgosana Moroka o ne a dumelana le Kgosi Mothupi gore o tla mo fa bontlhabongwe jwa khumo ya gagwe, go akaretsa le nalata, e le yona e neng e le karolo ya magadi. Dipaakanyo tsa lenyalo magareng ga kgosana Moroka le kgosigadi Dineo di ne tsa dirwa mo sephiring. Kgosi e ne e itse gore morwadie a ka se itumelele kakanyo e.

4

Beke pele ga lenyalo la segosi, Phemelo ne a ya kwa go Dineo. "Kgosigadi ya me e e rategang, rrago o rulagantse lenyalo la gago le kgosana Moroka, mme lona le tla diragala mo sebakeng sa beke."

5

Kgosigadi Dineo o ne a maketse mme a sa itse gore a dire eng. Jaanong a akanya, "Ga ke na go nyala kgosana Moroka, monnamogolo yole yo o nonneng. Le eseng! Ke tshwanetse ke etele Lefika ke bone gore a ka se thuse pele go nna thari." Lefika e ne e le lekau la ga kgosigadi Dineo.

6

Bosigo joo, Dineo a ngwega mo ntlong. Fa rragwe a ka itse gore o ya kae, o tla tenega thata. O ne a taboga mo gare ga sekgwa se se kitlaneng, se se lefifi se na le mmitlwa le matlapa, go fitlhela a goroga kwa go Lefika. O ne a fitlha a lapile, a tshwerwe ke tlala le lenyora.

7

"Moratiwa, goreng o tlile o le esi kgakala jaana ka nako e?" ga botsa Lefika. O ne a mo siela metsi mme a mo tlogela gore a ikhutse. Lefika o ne a sa kgone go itshoka fa a ntse a emetse Dineo gore a bue.

8

"Kgosigadi ya me e e rategang, bothata ke eng?" Lefika a botsa. Dineo a hemela kwa godimo mme ka kutlobotlhoko a re, "Rre o batla go nnyadisa kgosana Moroka yo mogolo. Mme nna nka se kgone go nyala monna yole. Lefika, ke batla go nyalana le wena le fa o le modidi. Ke ikemiseditse go sotlega. Ke a go rata."

9

"Fela kgosigadi, ga ke na sepe se nka se fang rrago, o a itse gore ke mosimane wa modidi," Lefika a lela. "Ke a itse, ke wena fela monna yo nka nyalanang le ena," ga araba Dineo. O ne a akanya mme morago ga nako a re, "A re tsamae re ye kwa go Thabang monna wa mokoro gore a re tshedise noka. Ka mokgwa oo, re ka tshaba mme rre a ka se tlhole a re bona."

10

Kwa ntlong ya segosi, Kgosi Mothupi o lemogile gore kgosigadi Dineo ga a teng, mme a laela bathusi ba gagwe gore ba mmatle motse otlhe. Badisa ba kgosi, masole le baagi botlhe ba motse ba ne ba batla gotlhe mme ba se bone kgosigadi Dineo. Ba ne ba boela kwa kgosing mme ba mmolelela gore ga ba a bona Dineo gope. "Tsamayang lo ye go mmatla kwa nageng," Kgosi Mothupi a ntsha molao. O ne a tenegile.

11

Fa kgosigadi Dineo le Lefika ba itlhaganelela kwa ditshitshing tsa noka, go ne ga thiba maru a mantsho. Go ne go tla pula ya matlakadibe.

12

Thabang rramokoro o ne ntse a baakanya mokoro wa gagwe fa baratani ba ba tla mo go ena. Lefika o ne a kopa Thabang gore a ba tshedise noka. Thabang o ne a gana, a tlhalosa gore go tla pula ya matlakadibe mme ga go a sireletsega.

13

Lefika o ne a pateletsa mme a tlhalosetsa Thabang mabaka a bona. O ne a tsha legago mme a le fa Thabang. Fa Thabang a utlwa mathata a bona mme a bona legapa le lentle, o ne a ba utlwela botlhoko. O ne a dumela go ba tshedisa noka maemo a loapi a ntse a sa dumele.

14

Thabang o ne a gogela mokoro gaufi le bona, mme a re ba palame. O ne a simolola go kgweetsa mokoro wa gagwe ka baratani ba. Fa Kgosi Mothupi le kgosana Moroka ba fitlha kwa ditshitshing tsa noka, ba ne ba bona batho ba bararo mo mokorong. Ba lemoga gore baratani ba bašwa ba tshabile.

15

Diphefo tse di bokete di ne tsa fekeetsa mokoro mme Thabang o ne a palelwa ke go o laola. "Boa tswee-tswee. Ke go itshwaretse. Nka se lo otlhae." Mme go ne go setse go le thari. Mokoro o ne wa fetoga mme boraro jwa bona ba nwela mo metsing a a bogale. Go tloga ka letsatsi leo, moagi mongwe le mongwe wa motse wa ga Kgosi Mothupi o ne a letlelewa go nyala motho yo a mo ratang, mohumi kgotsa modidi.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kgosi Mothupi le morwadiagwe
Author - Amana Yunus
Translation - Lorato Trok
Illustration - Natalie Propa
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs