Go gapiwa ka dikgoka!
Richard Khadambi
Abraham Muzee

Nna le tsala ya me Kiki re rata go ithuta ka dilo tse dintšhwa, ebile re itse motse wa rona ka botlalo. Erile fa re tswa sekolong, re ile ra tlotla ka ditulo tse re tla ithutang tsona letsatsi leo.

1

Re ile ra swetsa go tsaya tsela e e khutswane e e fetang mo lebaleng gaufi le seporo sa terena sa kgale. Rre wa ga Kiki o re kgalemela ka metlha gore re se tseye tsela e. Morago ga nako re ile ra bona monna o motelele a apere jase e telele a tsamaya ka bonya mo morago ga rona.

2

Re ile ra tsamaya ka bonya go lebelela monna yo. Sefatlhego sa gagwe se ne se tletse diso. Dipounama tsa gagwe di ne di le dinnye ebile di sa kgone go tswala meno a gagwe a a setlhefetseng. O ne a na le lebadi le le maswe mo sefatlhegong sa gagwe Monna yo o ne a re setse morago!

3

Re ile ra swetsa go ema le go lebagana le ena. Pelo ya me e ne e beletsa kwa godimo mo ke neng ke nagana gore a ka e utlwa. Ke ne ka mo lebelela sentle, sebopego sa gagwe le diaparo tsa gagwe. O ne a sa rate tsela eo ke neng ke mo lebeletse ka yona. A goeletsa, "O ntšhebile eng mosimane?"

4

Ka ona motsotso oo, ra furalala mme ra tshaba. Ke ne ke sena lebelo. O ile a ntshwara ka hempe a nkgogela kwa morago botlhoko ka letsogo le le lengwe. Monna yo o ne a ntiisitse mo ke ileng ka nagana gore dikgopo tsa ka di tla robega. Mme tsala ya me Kiki o ile a phonyoga.

5

Monna yo motelele o ile a ntsholetsa jaaka pampiri e e sosobaganeng. O ile a ntatlhela mo gare ga lori e e neng e eme mo lebaleng. Ena a itatlhela mo loring kwa pele. Go ne go nale monna o mongwe mo gare ga lori mme ena o ile a ntswala matlho ka lesela, a bofa matsogo a me kwa morago. Mokgweetsi ena a kgweetsa ka lebelo la embulense.

6

Monna yo o neng a dutse gaufi le nna ena a mpaya lesela le le metsi mo sefatlhegong. Monkgo wa lesela o ne o le monate mme wa ntshwarisa boroko le sedidi. Ke ile ka robala. Fa ke phaphama ka iphitlhela ke dutse mo fulurung mo kamoreng e e lefifi e e nang le matlo a dikgogo le dipeba. Ba ne ba tlositse lesela mo sefatlegong sa me.

7

Setswalo sa kamore e e lefifi se ile la bulwa ka modumo, mme monna a tsena a tshwere sejana. E ne e le monna yo o neng a bofile matsogo a me le go nthobatsa. "Dijo tsa gago ke tse. Go molemo gore o je ka gonne o tlile go tsaya loeto lo letelele," ga rialo monna yo. O ile a kgaola thapo e e neng e mpofile matsogo ka thipa e e bogale e e neng e lekelela mo lebanteng la gagwe.

8

Erile fa ke utlwa lefoko 'leeto'ka swetsa gore ke je dijo tse ba mphileng tsona ke nne le maatla a go ipholosa. Fa ke ntse ke ja, monna yo o ne a dutse fa pele ga me a ntse a goga motsoko. Mosi o ile wa tlala gotlhe mo kamoreng. Pele ga ke fetsa go ja, go ile ga nna le motho yo o neng a kokota mo setswalong.

9

Banna ba bangwe ba babedi ba ile ba tsena ba goga mosimane. E ne e le Kiki! Le ena ba ile ba mo tshwara. Jaanong bobedi jwa rona re tswaletswe mo kamoreng e e lefifi.

10

Ke ile ka tlhaloganya gore monna yo motelele yo o maswe e ne e le moeteledipele wa setlhopha. O ne a fa ba bangwe ba babedi melao. Fela monna yo a ntliseditseng dijo o ne a bonagala a sa itumelela se ba neng ba se dira. Morago ga nakwana, ra utlwa ba refosana ka mantswe mo ntle ga kamore. Moeteledipele a ba kgalemela, "Ga ke kgathale gore o itse ba lelapa la gaabo. Lo ka se fetole megopolo gone jaanong."

11

Go refosana ka mantswe goo go ne ga re lemotsha gore mongwe wa bona o a re itse. Ke ne ke maketse gore e ka nna mang. Kiki a re, "Re tshwanetse go bona tsela ya go tshaba. Batsadi ba rona ga ba na madi a go duela." Ke ile ka bofolola tsala ya me mme re ne re le letlhogonolo. Banna ba tswelela go se utlwane mme ba tshimolola go lwa. Ra tshimolola go berebelola setswalo mo gare ga kamore mme ra batla phatla ya go tshaba.

12

Ra bona lesedinyana le tlhagile mo diphatlhaneng tsa dipolanka tsa kgale tse di kokotetsweng mo leboteng. Re ila ra goga polanka go fitlhela dipeikere tsa yona di wela mo fatshe. Ra goga polanka e nngwe, le e nngwe, go fitlhela lesedi le le tlhagelelela lotlhe. Go ne go na le letlhabaphefo le lennye le le neng le itshetlegile ka dipolanka tseo!

13

Ka bonako re ile ra tsaya tshwetso. Kiki o ne a le lebelo ebile a le monnye mo go nna ka seemo, ka jalo, o ne a tla taboga go ya go batla thuso. Re ile ra tswala digalase tse di thubegileng ka dibaki tsa rona tsa sekolo, ka thusa go mo tsholeletsa kwa godimo. Kiki o ile a tswa ka letlhabaphefo. Go ne go le kwa tlase mme ka mo utlwa a wela mo fatshe, a goga moya. Ke fa a ile.

14

Ka nako e banna ba ne ba setse ba utlwile modumo wa rona, ebile ba raga setswalo go se berebolola. Ba itatlhela mo kamoreng ba ema motsotso ba lebeletse letlhabaphefo. Ba tabogela kwa ntle, ba kgorometsana, ba sa itse gore ba lebe ntlha efe. Banna ba ne ba galefile thata. Bogolosegolo moeteledipele yo o maswe. A mpetsa, a goeletsa, "Batsadi ba gago ba tla duelela se!"

15

Banna ba boa ba kokotela dipolanka gape mo godimo ga letlhabaphefo mme ba lotlela kamore. Fela ba ne ba ntse ba sa dumalane gore ba dire eng- ke ne ke ba utlwa ba refosana ka mafoko gape. Monna yo o gogang thata o ne a batla go ntokolola. Mokgweetsi o ne a tshwenyegile thata gore tsala ya me o tla boa gape mme a tle le mapolisi. Moeteledipele o ne a batla madi a go duela go gapa ka dikgoka.

16

Morago ga sebaka se setelele ke itlhobogile, ke ile ka utlwa go kokota go go sesane go tloga kwa ntle, mo letlhabaphefong le le thubegileng. Ka utlwa lentswe la motho o mogolo le re, "O se ka wa tshoga. Mapolisi a fitlhile. Rapama mo fatshe, khurumetsa tlhogo ya gago, se tshikinyege."

17

Ga ke na bonnete jwa gore go diragetse eng morago ga moo. Sengwe le sengwe se diragetse! Banna ba ile ba makala ba bona mapolisi a itatlhela mo kamoreng e ba neng ba dutse mo go yona. Go ne go goiwa go le modumo, ebile go lela medumo ya dithunya.

18

Mosadi wa lepolisi o ile a bula setswalo sa kamore e ke neng ke le mo go yona. A nkemisa mme a nkapesa kobo. A re go nna, "Tsala ya gago e nnile letlhogonolo. O ile a kopana le tsela e kgolo gaufi le tulo e. Re re ne le gaufi, re lekola tsela le tulo fa re mmona a tabogela mo tseleng. Fa a fetsa go re fa dintlha ka tiragalo e, re ile ra bitsa mapolisi a mangwe go tla go thusa go ruta dinokwane tse molao!"

19

Banna ba bararo ba ba ile ba tshwarwa, ba bofiwa matsogo mme ba latlhelwa mo gare ga koloi ya mapolisi. Ke ile ka tsena mo koloing le mosadi wa lepolisi. O ile a nkisa gae go batsadi ba me ba ba tshwenyegileng. Morago ga letsatsi leo, nna le Kiki re ile ra nna kelotlhoko fa re ne re tsaya maeto a go ithuta tse dintšhwa.

20
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Go gapiwa ka dikgoka!
Author - Richard Khadambi, Collins Kipkirui
Translation - Lorato Trok
Illustration - Abraham Muzee
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs