Mokoko le Nkwe
Yikii Kubbi Emmanuel
Mango Tree

Bogogolo-tala diphologolo tsotlhe di ne di dula mmogo kwa nageng. Mokoko e ne e le kgosi ya tsone.

1

Mokoko o ile a bolelela diphologolo gore setšhiri sa gagwe se dirilwe ka molelo. Ka jalo diphologolo di ne di tshaba mokoko thata.

2

Ka motlha oo, molelo o ne o diriwa ka mutsu le boro. Ka letsatsi le lengwe, pula e ne ya kolobetsa boro le mutsu tsa ga Nkwe. O ne a sa kgone go besa molelo go thutafatsa bana ba gagwe.

3

Ka jalo Nkwe o ne a roma bana ba gagwe go ya go kopa molelo kwa go Mokoko.

4

Mokoko o ne a sa itumela ka letsatsi leo. O ile a leleka bana ba ga Nkwe ntle le go ba fa molelo. Nkwe o ne a utlwa botlhoko fa bana ba goroga ba sa tshwara molelo.

5

Mo gare ga bosigo fa mokoko a robetse, Nkwe le bana ba gagwe ba ne ba ngongobela go ya go utswa molelo wag a Mokoko. Nkwe o ile a sela bojang bo bo omileng mo thoko ga ntlo ya ga Mokoko.

6

Fa Mokoko a ntse a robetse, Nkwe o ile a baya bojang jo bo omeletseng fa thoko ga setšhiri sa gagwe. Se se makatsang ke gore bojang bo ne bo sa tshware molelo. Nkwe o ile a tshwara setšhiri. Se ne se le tsididi!

7

Bana ba ga Nkwe le bona ba tshwara setšhiri. Go ne go sena molelo! Lelapa la ga Nkwe lotlhe la thubega ka setshego.

8

Setshego sa dinkwe se ile sa tsosa Mokoko, dikoko le dikokwana. Mokoko o ile a shebisa setšhiri sa gagwe kwa go bona a goeletsa a re, "Tshabang! A ga lo tshabe molelo?"

9

"Re tshwere setšhiri sa gago. Re lemogile matlhajana a gago, ga araba Nkwe." "Re ya go bolelela diphologolo tse dingwe gore go diragala eng. Di tlile go go befela."

10

Dikoko di ne di tshogile. Di ile tsa tshaba mme Mokoko le ena a tshaba. Dikoko di ile tsa tshaba mme tsa ya go dula le batho.

11

Go tshimologa ka motlha oo dikoko di tshaba dinkwe. Di dula le batho ka ntlha ya fa di batla tshireletso.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mokoko le Nkwe
Author - Yikii Kubbi Emmanuel
Translation - Lorato Trok
Illustration - Mango Tree
Language - Setswana
Level - First paragraphs