Morutabana Mthetho o tlhalosa HIV
Ntombifuthi Ncwayiba
Simon Mokoena
Sihle o na le dingwaga di le supa.
-
O tsena sekolo se se potlana.
-
Mme wa gagwe o mo phuthelela dijo tsa motshegare letsatsi le letsatsi.
1
Letsatsi lengwe, bana ba ne ba ja fa tlase ga setlhare.
-
Sihle a nagana, “Gompieno, ke ya go nna le bona. Ba ne ba itumetse, ba buisana ba arogana.”
2
Fa Sihle a ya kwa go bona, bana ba ne ba sa mmuise. A boela morago, a inamisitse tlhogo.
-
Morutabana Mthetho a lemoga se se diragetseng.
3
Sihle a ya go nna kwa morago ga phaposiborutelo. Morutabana Mthetho a mo sala morago.
-
“Bana ba bangwe ga ba rate go nna le nna ka ntlha ya bolwetse jwa me,” Sihle a bolelela Morutabana Mthetho.
4
Moragonyana, Morutabana a bua le bana.
-
A tlhalosa, “HIV ke kokwana e e phatlalalang ka go kopana le madi kgotsa diedi tse dingwe mo gare ga mebele ya rona.”
5
Morutabana Mthetho a tswelela, “HIV ga e phatlalatswe ke go tshameka mmogo, go ja mmogo kgotsa ka go amana.”
-
“Lo ka tshameka mmogo le go ja mmogo. Lo ka amana.”
6
Bana ba ne ba itumeletse go ithuta ka ga dintlha tsa HIV.
-
Ba amana Sihle, “Re maswabi re ntse bosula mo go wena.”
7
Go tloga letsatsi leo, Sihle a itumelela go ya sekolong.
-
O ne a tshameka le bana ba bangwe a phuthulogile.
8
Your attribution should include the following:
Title: Morutabana Mthetho o tlhalosa HIV
Author/s: Ntombifuthi Ncwayiba
Translator/s: Sylvia Makapan
Illustrator/s: Simon Mokoena
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator