Merogo e re siametse!
Busile Cynthia Ndlovu
Tammi Mbambo
Sepinatšhe ke morogo wa matlhare. Matlhare a sone a tlhogela kwa godimo ga mmu.
-
O ka se ja se apeilwe kgotsa se le setala.
-
Sepinatšhe se siametse mongwe le mongwe.
-
Merogo e re siametse!
1
Khabetšhe ke morogo o mongwe wa matlhare o o tlhogelang mo godimo ga mmu.
-
Khabetšhe e siame thata fa e le tala mo disalateng le fa e apeilwe.
-
Batho ba ba humanegileng le ba ba humileng ba tshwanetse go ja khabetšhe go nna le mebele e e itekanetseng.
2
Digwete ke merogo ya medi. Di gola ka fa tlase ga mmu.
-
Digwete gantsi di na le mmala wa namune. Di tlisa mmala mo dijong tsa rona.
-
Digwete di tshola matlho a rona a itekanetse.
3
Morogo o mongwe wa medi ke beteruti. Gantsi e mmala o bohibidu bo bo tseneletseng.
-
Beteruti gantsi e jewa e apeilwe, fela o ka e ja e le tala.
-
Beteruti e tshola dipelo tsa rona di itekanetse.
4
Lephutshe le gola godimo ga mmu.
-
Gantsi re apaya lephutshe. Le serolwana, le letala kgotsa mmala wa namune, mme le na le dithapo tse dintsi.
-
Lephutshe le thusa go tshola mebele ya rona e itekanetse.
5
Ditamati di gola di kitlane kgotsa jaaka morara.
-
Di nna ditala fa di gola mme gantsi di bohibidu bo bo phatsimang fa di budule.
-
Di kgolokwe kgotsa popego ya lee.
-
Di jewa sentle di le ditala le fa di apeilwe.
-
Ditamati di na le ditshiamelo tse dintsi tsa boitekanelo.
-
Di ka dirisetswa gape mabaka a kalafi.
6
Ditapole di na le kutu ya ka fa tlase ga mmu, e bidiwa lekwele.
-
Ditapole gantsi di popego ya lee ka letlalo le le khunou, di le ditshweu ka fa gare.
-
Ditapole di tshwanetse go apewa pele di jewa.
7
Eiye ke morogo o o segwere, e gola ka fa tlase ga mmu. Gantsi e tshweu ka fa gare.
-
Dieiye di a apewa le go jewa (go le gonnye) di le ditala.
-
Morogo o, o thusa go sireletsa mebele ya rona mo malwetseng.
8
Your attribution should include the following:
Title: Merogo e re siametse!
Author/s: Busile Cynthia Ndlovu
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Tammi Mbambo
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator