Go tshela ka bogole
African Storybook
Sibusiso Khumalo
Vincent ke mmegakgang wa seteišene sa RX Radio. O kwa Ntlokgaso ya RX Radio go gatisa lenaneo la gagwe.
-
Gompieno, lenaneo la ga Vincent le ka ga bana ba ba tshelang ka malwetse a a masisi.
-
O ba botsolotsa ka ga maitemogelo a bona ka nako ya leroborobo la Covid-19.
1
“Dumelang bareetsi, ke nna Vincent mo Ntlokgaso ya RX Radio. Gompieno, baeng ba me ke Mulalo, Ashley le Lina,” ga bua Vincent.
-
Baeng ba ikitsise.
-
Vincent a tswelela, “Leroborobo la Covid-19 le ne le le kgwetlho e kgolo segolo bogolo mo bathong ba ba tshelang ka bogole. Ke kopa le bolelele bareetsi ka seo.”
2
Mulalo a simolola, “Ke na le bolwetse bo bo sa foleng ba koafalo ya mesifa ya mokokotlo. Bo ama mesifa ya me – maoto, matsogo, le go hema.
-
Fa mogare wa Khorona le bolwetse ba me di ne di ka thulana, di ka bo di mpolaile! Makgwafo a me a bokoa mme ka mogare oo nkabo ke sule!”
3
Lina a re, “Le nna ke ne ke tshogile. Ke na le bolwetse ba asema, bo kgoreletsa makgwafo.
-
Fa nka gotlhola kgotsa ka hema bokete, ke ne ke sa itse gore a ke asema kgotsa ke mogare wa Khorona. E kabo e nkamile mafatlha mo go botlhoko thata.”
4
Ashley a tlaleletsa ka tshwaelo ya gagwe, “Ke na le bolwetse ba go fetoga maikutlo kgapetsakgapetsa. Bo ama boitekanelo jwa monagano wa me, mme ke tshwanetse go bo tseela melemo.
-
Ke nako nngwe ke ikutlwa ke tlhoafetse thata, kgotsa ke le tenegile thata. Ka nako nngwe maikutlo a me a fetoga ka bonako. Go thata go laola maikutlo a me.”
5
“Ke leboga go re bolelela ka maitemogelo a lona. A go nnile le se se molemo ka nako ya leroborobo?” Vincent a botsa.
-
“Ke kgonne go nna le nako e ntsi le balelapa la me. Re tshamekile mmogo metshameko ya boto, ke ne ka itumelela seo,” ga bua Lina.
6
“Le nna ke nnile le nako e ntle le balelapa. Ka lesego ke kgonne go ikalafa mo gae,” Mulalo a araba.
-
“Ke ne ka nagana go dirisa nako e, jaaka tšhono ya tokafalo. Ke ne ka tshwaragana le lelapa. Ke ne gape ka boela kwa Modimong ka rapela,” ga bua Ashley.
7
Vincent a tlhola nako mo lebotaneng la ntlokgaso. “Ka maswabi, nako ya rona e a fela!” a bua.
-
“Go bana ba bangwe ba le bona ba tshwerweng ke bolwetse ba monagano kgotsa go sa itekanela mo mmeleng, ke mafoko afe a le ka ba rotloetsang ka ona?” Vincent a botsa.
8
Ashley a araba wa ntlha, “Go na le ntlha e e seng nnete ka koo ya batho ba ba nang le bolwetse kgotsa bokoa ba tlhaloganyo.
-
O bonwa jaaka e kete o setsenwa kgotsa o batla go bonwa, mme ke batla seo se fetoge. Ga go molato fa o ikutlwa o sa siama.”
9
Lina a dumela ka gore, “Kgakololo ya me go ba bangwe ke gore re itshole bonolo. Nna pelotelele ka bowena. O dire ka thata ka fa o kgonang.”
-
Mulalo a tlatsa, “Gape o se ke wa lapa! Go na le dikgwetlho fela o sa ntse o ka fitlhelela ditoro le dikeletso tsa gago.”
10

Dipotso


  1. Kwala tlhaloso ya mafoko a: bolwetse, bolwetse jo bo sa foleng, ntlha e e seng nnete.
  2. Batla mafoko mo kgang e, a a nang le bokao jo bo tshwanang le: thata, tshitshinyo, sebaka.
  3. Go kaya eng go ‘bonwa o na le bolwetse ba monagano kgotsa go sa itekanela mo mmeleng’?
  4. A o ne o na le se se molemo ka nako ya leroborobo?
11

-
Bukakanelo e ikaegile mo dipegelong tsa RX Radio. RX Radio ke seteišene sa radio ya bana ya inthanete, e dirilwe ke bana e bile e diretswe bana.
-
RX Radio e gasa go tswa mo Red Cross War Memorial Children’s Hospital kwa Motse Kapa.
-
RX Radio e thusa bana go bua dikgang tsa matsapa a botlhokwa go bona.
-
Etela RX Radio
12
Your attribution should include the following:
Title: Go tshela ka bogole
Author/s: African Storybook
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Sibusiso Khumalo
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator