Naka le Nala ba bua ka metsi
Eric Khorombi
Simon Mokoena
Naka le Nala ba dira tirogae. Ba ithuta ka metsi.
-
“Metsi ga a na mmala le tatso, mme ke motswedithuso wa botlhokwa!” ga rialo Nala.
1
Naka a dumela, “Botshelo jotlhe bo tlhoka metsi. Batho ba dirisa metsi go nwa, apaya, phepafatsa, le go dira temothuo.”
-
“Le go dira dilo kwa madirelong,” Nala a oketsa.
2
“Go feta halofo ya mmele e dirilwe ke metsi! Metsi ga a timole lenyora fela. Mebele ya rona e a tlhoka gore e dire,” ga rialo Naka.
3
“Bontsi jwa lefatshe bo khurumeditswe ke metsi, mo melapong, dinoka, le mawatle,” ga bua Nala.
-
Naka a dumela ka tlhogo, “Go feta peditharong ya polanete ya rona ke metsi.”
4
“Mme bontsi jwa metsi mo lefatsheng ke metsi a a letswai. Selekano se se nnyane ke metsi a a seng letswai, e leng se batho ba se tlhokang,” ga rialo Naka.
5
“Metsi a a letswai a na le letswai, mme go boima le tlhotlhwagodimo go tlosa letswai mo metsing. Mme batho ba ka se nwe metsi a a letswai, ba nwa fela a a seng letswai!” Naka a makala.
6
“Ee, ke lebaka le re tshwanetseng go tlhokomela metswedi ya rona ya metsi a a seng letswai mo lefatsheng. Ga re a tshwanela go kgotlela melapo le dinoka ka matlakala,” ga rialo Nala.
7
“A re ithuteng tsamaego ya metsi,” ga bua Naka.
-
“Ke tirego e ka yone metsi a tlhatlogang go tswa mo lefatsheng go ya kwa moweng, le go boela gape kwa tlase,” Nala a tlhalosa.
8
Nala a tswelela, “Marothodinyana a metsi a tlhatlogela kwa loaping le go bopa maru. Metsi a a mo marung a wela mo lefatsheng jaaka pula, sefako, kgotsa semathane.”
9
Naka a re, “Ke nyorilwe, ke tlhoka metsinyana!”
-
Nala a araba, “Ee, boboko jwa gago bo tlhoka metsi go akanya le go ithuta! Metsi ke botshelo, a tshole sentle.”
10

Dipotso


  1. Ke mang yo o tlhokang metsi a a seng letswai? Ka goreng?
  2. Neela mesola e le 5 ya metsi a a seng letswai.
  3. Re ka tlhokomela jang metsi a a seng letswai mo lefatsheng?
  4. A gantsi metsi a lefatshe ga a letswai kgotsa a letswai? Tlhalosa.
  5. Thala setshwantsho sa tsamaego ya metsi. Dirisa mafoko a a tswang mo kgang go tlhalosa se se diregang.
11
Your attribution should include the following:
Title: Naka le Nala ba bua ka metsi
Author/s: Eric Khorombi
Translator/s: Opelo Thole
Illustrator/s: Simon Mokoena
Assurer/s: Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator