Pegelo ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle
African Storybook
Khanyisa Masemola
E ke Ntlokgaso ya RX Radio mo Red Cross Children’s Hospital kwa Motse Kapa.
-
RX Radio ke seteišene sa radio se se tsamaisiwang ke bana, go direla bana. Gantsi ba gasa go tswa kwa ntlokgasong kwa bookelong.
-
Mme fela ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, seteišene se ne se tswetswe.
1
Yo ke Akhona. Ke mmegakgang wa RX Radio.
-
Ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, Akhona o ne a sa kgone go gatisa lenaneo la gagwe mo RX Radio.
-
Mo lenaneong la gagwe la radio, o botsolotsa batho ka dilo tse di ba amang.
-
O ne a batla go bega ka maitemogelo a bona ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle mo motseng wa bona.
2
Ka lebaka la paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, Akhona ga a kgona go botsolotsa batho ka namana.
-
Ka jalo, o kopile ba ba nang le diselefounu mo motseng, go mo romela melaetsakgatiso.
-
Mme Akhona, a gatisa lenaneo la gagwe kwa gae ka go dirisa selefounu ya gagwe.
-
E ke mengwe ya melaetsa e a e amogetseng.
3
Molaetsa wa ga Morutabana Thuli:
-
“Ke tlhoafaletse barutwana ba me thata! Ke na le setlhopha sa motlotlo sa ‘WhatsApp’ le batsadi, moo ke ba romelang tiro teng.
-
Ke ruta mo lefelong la ba ba sa kgoneng mme ga se batsadi botlhe ba fitlhelelang inthanete. Ke kgwetlho.”
4
Molaetsa wa ga Riaz:
-
“Ke na le tshwenyego ka boitekanelo ba me. Gantsi, batho ba ba sa itekanelang mo mmeleng ba na le itshireletso e e bokoa ya mmele.
-
Ka gore ke nna fela mo setiloteting, ga ke kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, fela balelapa ba nthusa.
-
Ba netefatsa gore ke na le sebolayaditwatsi sa diatla ka dinako tsotlhe.”
5
Molaetsa wa ga Khethiwe:
-
“Kwa gae re lelapa le legolo, mo go rona go na le badiri ba tlhokego, fela ga ba nne le rona ga jaana.
-
Se re se dirang fela ke go rapelela tshireletsego ya bone, le ya rona tota.”
6
Molaetsa wa ga Koko Gabbie:
-
“Ga ke morutabana, fela ke tshwanetse go ruta bana ba babedi mo gae. Bana ka bobedi ba tlhoka thuso e e tshwanang.
-
Ka jalo, maemo kwa gae a thata go fetisa. Ka lesego rona, re na le ‘WiFi’ e e sa feleng.
7
Molaetsa wa ga Buhle:
-
“Paka e ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, ga e a nkama thata gonne ke mo gae ka dinako tsotlhe. Ke tswa fela fa ke ya sekolong kgotsa kerekeng.
-
Paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle e nkamile ka gore mowa o o phepa ke o hema fela mo jarateng.”
8
Molaetsa wa ga Lwazi:
-
“Mathata fela a a tlileng ke sekolo. Ke ne ke tlwaetse go nna le morutabana ka namana fa pele ga me.
-
Go thatanyana go utlwelela morutabana mo mogaleng kgotsa go bogela bidio ya morutabana.”
9
Akhona o kgetha melaetsa mengwe go e dirisa mo lenaneong la gagwe. Morago, o gatisa lenaneo la gagwe.
-
“Agee, ke nna Akhona, ke bega ke le mo phaposiborobalong. Maemo a modumo a ka tswa a utlwala a sa siama thata!
-
Gompieno, re tla utlwa ka moo batsadi, barutabana le bana ba samaganeng ka teng le paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle…”
10

Dipotso


  1. Kwala tlhaloso ya mafoko a: go sa kgoneng, itshireletso ya mmele, e sa feleng.
  2. Morutabana Thuli o na le kgwetlho efe?
  3. Ke goreng Riaz a tshwenyegile ka boitekanelo ba gagwe?
  4. Ke goreng Koko Gabbie a tshwenyegile?
  5. Kgakololo ya gago ke efe go thusa Morutabana Thuli, Riaz, le Koko Gabbie?
11


Bukakanelo e ikaegile mo dipegelong tsa RX Radio. RX Radio ke seteišene sa radio ya bana ya inthanete, e dirilwe ke bana e bile e diretswe bana.
-
RX Radio e gasa go tswa mo Red Cross War Memorial Children’s Hospital kwa Motse Kapa.
-
RX Radio e thusa bana go bua dikgang tsa matsapa a botlhokwa go bona.
-
Etela RX Radio
12
Your attribution should include the following:
Title: Pegelo ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle
Author/s: African Storybook
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Khanyisa Masemola
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator