Tito le dinakangwedi
Cebo Solombela
Tebogo Boikanyo Matshana
Tito le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kwa ntle bosigo. Ba ne ba iketlile ba lebaleba.
-
Ka bonako, ba bona masedi a mantsi mo moweng, jaaka ditlhase tsa molelo.
-
Go ne go le go bakasela ga mabone go ba dikologa, a benyabenya ka go tima le go tuka!
1
Ba ne ba phatsimisa ditotšhe tsa bona, ba leka go bona motlhodi wa ditlhase tseo.
-
“Se o kare ke toro. A masedi ale ke a nnete? Ke eng?” ga botsa Tito.
-
“Ka gongwe ke ditshedi tsa malepa,” ga bua Nomalanga.
2
Ditshedi tse di neng di ntsha masedi e ne e le ditshenekegi.
-
Ditsala di ne tsa simolola go lelekisa masedi ao, di leka go a tshwara.
-
Ba ne ba batla go bona ditshenekegi tseo ka bogaufi.
3
Tito o ne a kgona go tshwara ditshenekegi di se kae, mme a di tsenya mo lebotlolong.
-
“Di bidiwa eng?” ga botsa Sizwe, a lebeletse mo lebotlolong.
-
“Di dira lesedi leo jang?” ga botsa Tito.
4
“Tshenekegi ele ke senakangwedi. Fela ga se ntsi, ke khukhwane,” ga bua Gcina, ausi wa ga Tito.
-
“Lesedi le tswa mo mmeleng wa tshenekegi,” a tlhalosa.
-
“Ke ithutile ka dinakangwedi kwa sekolong!” a tlatsa.
5
Senakangwedi se simolola go tshela e le sebokwana, se se thuthugang mo leeng.
-
Dinakangwedi tse di tshegadi di beela mae mo mmung. Dibokwana di thuthugela ka fa tlase ga mmu.
-
Dibokwana di gola le go nna dikhukhwane. Dikhukhwane di na le diphuka fa di gagaba go tswa mo mmung.
6
Mefuta mengwe ya dinakangwedi e dirisa ditemosi tsa khemikhale go ngoka balekane.
-
Mmele wa senakangwedi o dira khemikhale e e dirang gore e bakasele. Dikhemikhale di dira lesedi.
-
Ditshenekegi di dira lesedi gore di bonane.
7
“Ijoo, o itse go le gontsi!” Tito a rialo go ausi wa gagwe.
-
Gcina a araba, “Ke itse tsotlhe. Jaanong ke nako ya go robala, go letla dinakangwedi go fofa.”
-
Tito ntsha masedi a a phatsimang mo lebotlolong, a tle a fofe mo bosigong.
8
Your attribution should include the following:
Title: Tito le dinakangwedi
Author/s: Cebo Solombela
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Tebogo Boikanyo Matshana
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator