Leeto la ga Xikochimani
Hlekane Paulinah Baloyi
Brian Wambi
Xikochimani o ne a phakela thata mo mosong oo.
-
E ne e le motho wa ntlha kwa boemelabeseng le kwa renkeng ya dithekisi.
-
E ne e le leeto la ntlha Xikochimani a le tsaya a le esi.
1
O ne a ya kwa go ntatemogolo wa gagwe, Galela kwa toropong.
-
Ka bonako, monna a bitsa maina a mafelo ao Xikochimani a a tlwaetseng.
-
“Tlayang, bese e a tsamaya!” ga bitsa monna.
2
Bese e ne e setse tletse. Xikochimani a emela gore palo ya thekete ya gagwe e bidiwe.
-
Mosimane o ne a thibile matseno a bese.
-
Xikochimani a fela pelo.
3
Madulo a ga Xikochimani mo beseng a ne a le fa letlhabaphefong, go bapa le baratani Rhulani le Madzivandlela.
-
Go ne go le bolelo thata mo beseng.
4
Barekisi ba ne ba tla ka go latelana mo beseng, modumo wa bona o ne o thiba ditsebe.
-
Ba ne ba rekisa dinotsididi, dipanana, dimonamone, dinama, le diseneke dingwe.
5
Madzavandlela a ntsha madinyana mo sehubeng sa gagwe, mme a reka leungo mo monneng wa sefatlhego se se edileng.
-
O ne a baya buka ya gagwe fa fatshe mme a simolola go le natha, le mo natefela.
6
Mokgweetsi wa bese o ne a tsena mo beseng. O ne a dumedisa bapalami. “Repang le itumeleleng leeto,” a goeletsa mongwe le mongwe.
-
Mzamani a boeletsa lefoko lengwe le lengwe le mokgweetsi a le buileng!
7
Tsela ya go ya kwa toropong e ne e le telele e nyokanyokela.
-
Xikochimani o ne a kgatlhiwa ke go bona lefelo le ntse le fetoga fa bese e ntse e tsamaya.
8
Go ne go sa ntse go le mogote mo beseng fa letsatsi le wela. Batsayaleeto ba ne ba fufuletswe ba otsela.
-
Rhulani o ne a tshwere kgetsana ya gagwe thata fa a tshwarwa ke boroko.
9
Xikochimani, Rhulani le MadzIvandlela ba ne ba thulamela botlhe ka bonako.
-
Madzivandlela o ne a gonela kwa godimo.
-
Ba ne ba thulametse tota fa bese e tsamaya mo bosigong.
10
Seatla se ne sa tshikinya legetla la ga Xikochimani ka bonolo. A ba a kgona go tsoga.
-
“Ke seteišene sa bofelo se, o ya kwa kae?” ga botsa monna yo o fa morago ga Xikochimani.
11
Xikochimani a fologa bese.
-
A se ke a bona difatlhego tse a di tlwaetseng.
-
O ne a ipolelela a re, “Nna ke Xikochimani wa ga Rhulani wa Galela wa Xihimu. Ke tla goroga kwa legaeng la ga ntatemogolo.”
12
Your attribution should include the following:
Title: Leeto la ga Xikochimani
Author/s: Hlekane Paulinah Baloyi
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Brian Wambi
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator