Ka la 3 Ngwanatsele 1964, Motsesetoropo wa Langa, kwa Motse Kapa, go belegwe seopedi se se nang le talente ya kopelo. Leina la gagwe e ne e le Brenda Nokuzola Fassie.
-
Dimilione tsa balatedi ba gagwe ba ne ba mmitsa, ‘MmaBrr.’
-
Balelapa la gagwe ba ne ba humanegile.
-
Mmaagwe e ne e le mophepafatsi, fa rraagwe a tlhokafetse fa a le dingwaga tse pedi fela.
1
Brenda e ne e le gofejane wa bana ba le robonngwe. Mmaagwe o ne a solofetse go tshola mosimane. Fa Brenda a tsholwa, a tshwanela go nagana leina la mosetsana ka bonako.
-
Ka gore mmaagwe le ene e ne e le seopedi, a nagana go mo reelela ka seopedi sa MoAmerika se se bidiwang Brenda Lee.
2
Fa a le dingwaga di le nne, Brenda o ne a setse a opela kwa meletlong ya kereke. Mmaagwe a letsa piano fa Brenda a opelela phuthego.
-
Fa a le dingwaga di le thataro, Brenda o ne a setse a le mo setlhopheng sa Tiny Tots, a opela e bile a duelwa ke bajanala.
3
Fa a le dingwaga di le somethataro, o ne a setse a itsiwe ke diopedi tsa Motse Kapa.
-
Motlhami yo o tumileng, Koloi Lebona o ne a mo etela. O ne a kgatlhegela lentswe la gagwe le le gaisang.
-
Morago ga go fudugela Johannesburg, Brenda go ise go ye kae, ke fa a tlhamile setlhopha sa gagwe, sa Brenda and the Big Dudes.