Mmantsae Moche Diale le maatla a letsatsi
Thembekile Malibe
Omphemetse Patient Ramatlhatse


Buka e, e ka ga Mmantsae Moche Diale, Mmasasense wa Aforika Borwa.
-
Mmantsae ke Mmasaense yo o ithutang ka maatla a letsatsi, le ditsela tse batho ba ka dirisang maatla ao.
1
“Baithuti, ke batla go lo bolelela ka ga Mmasaense wa MoAforika Borwa yo o botlhokwa,” ga rialo morutabana Mpilo.
-
“O simolotse botshelo kwa motsaneng wa kwa Limpopo mme a nna Mmasaense yo o kwa godimo.”
-
Morutabana a tlatsa, Bonetetsi ke karolo ya Bonetetsi ba Saense, e leng kitso le maatla.”
2
Morutabana a tswelela, “Mogaka wa rona wa Saense gompieno ke Mmantsae Moche Diale.”
-
“O tsaletswe kwa motsaneng wa Ga-Masemola kwa Limpopo. O tsene sekolo kwa Sekobetlane Maphutha.”
-
“Motsana wa gaabo o ne o se na motlakase, le fa e le gore go ne go na le dipale tse dikgolo tsa motlakase.”
3
“O ne a kgatlhwa ke tsa maatla le gore re a bona jang fa a gola. O ne a itse gore mongwe le mongwe o ne a tlhoka maatla.”
-
Morutabana a emisa ka kgang ya gagwe, mme a botsa, “A lo ka mpolelela metswedi mengwe e e dirang maatla a motlakase?”
4
“Malatlha ke sediriswa sa botlhokwa. Re fisa malatlha go dira motlakase,” Nhlavu a rialo.
-
‘Ee, fela lefatshe la rona le felelwa ke malatlha le didiriswa tse dingwe tsa maatla tse di sa ntšhwafaleng,” morutabana a araba.
-
“Letsatsi le phefo ke didiriswa tse di ntšhwafalang,” Sphe a tlatsa, morutabana a dumela.
5
Morutabana a tswelela, “Mmantsae o ne a itse gore o ne a batla gore botlhe ba nne le maatla a a tlhotlhwatlase a le phepa, ka didiriswa tse di ntšhwafalang.”
-
“O ithutetse Dipalo le Disaense tsa Tlhago kwa sekolong, a rata Bonetetsi. A itse gore o batla go ithutela Bonetetsi kwa yunibesithing,” morutabana a rialo.
6
“Batho ba botsa Mmantsae, ‘O tlile go dira eng ka Bonetetsi? A o ka bona tiro?’ Ba mo nyemisa mooko.
-
“O ne a ithutela dithuto tsa Saense le tsa Thuto, go nna morutabana wa Saense. Gape o ne a kgatlhwa ke go ithutela maatla a a ntšhwafalang,” morutabana a rialo.
7
“Morutabana, Mmantsae o ne a kgatlhilwe ke bomang ka nako eo?” Sphe a botsa.
-
“Go ne go le basadi ba le mmalwa fela ba badiri ba Bonetetsi, ba bantsho ba ne ba balwa,” morutabana a araba. “Mmantsae o ne a dira fela le borasaense ba banna. O ne a sena ba a ba itseng ba Aforika Borwa ka nako eo.”
8
“Morago ga dingwaga tse dintsi tsa go ithuta, Mmantsae a nna Moporofesara wa Saense. Jaanong o a ruta le go batlisisa kwa Yunibesithing,” morutabana Mpilo a rialo.
-
“Ke mongwe wa baša ba basadi ba bantsho ba ikgantshang ka ena ba ba ratang Saense, segolo jang Bonetetsi.”
9
“Morutabana a tlhalosa, “Dipatlisiso tsa gagwe ke ka ga go tshwara maatla a letsatsi a mantsi, le go a boloka.”
-
“Maatla a a bolokilweng a ka dirisiwa go tlamela metsemagae ka motlakase.”
-
“Maatla a letsatsi ke maatla a a tlhotlhwatlase a a ntšhwafadiwang.”
10
“Go buiwa ka eng fa go twe didiriswa tsa maatla tse di ‘ntšhwafadiwang le go sa ntšhwafadiwe’?” Morutabana a botsa.
-
“Maatla a a ntšhwafadiwang ke maatla a a sa feleng, jaaka letsatsi,” Ntando a rialo.
-
“Maatla a a sa ntšhwafadiweng a a fela, jaaka malatlha, ga a ntšhwafadiwe,” Vusiwe a rialo.
11
Thuto e a fela.
-
Morutabana a feleletsa, “Mmantsae o eteletse pele setlhopha sa babatlisisi ba dithuto tsa ‘maatla a a sa leswefatseng tikologo – maatla a a ntšhwafadiwang.”
-
“Maikemisetso a dipatlisiso ke go bona ‘disele tsa sola tse di ka tsayang maatla a mantsi kwa letsatsing, le go a fa batho.”
12
Fa baithuti ba phutha, Morutabana Mpilo a re, “Moporofesara Diale o eletsa go bona basadi ba le bantsi ba ithutela Bonetetsi. Ke solofela bontsi jwa basetsana fa ba tla ithutela Saense le Dipalo!”
-
“Le basimane tota!” Morutabana a nyenya.
13

Dipotso


  1. Goreng Mmantsae a ne a na le kgatlhegelo ya maatla fa a le monnye?
  2. ‘Maatla a letsatsi’ ke eng? A ka dirisetswa eng?
  3. Moporofesara Diale ke mofuta ofe wa Bosaense? Dipatlisiso tsa gagwe ke ka ga eng?
  4. O itemogetse mathata afe fa a sala ditoro tsa gagwe morago?
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Andile Mji
  • Asnath Mahapa
  • Bongani Mayosi
  • Charlotte Maxeke
  • Mmantsane Moche Diale
  • Mulalo Doyoyo
  • Tebello Nyokong
  • Tshilidzi Marwala
15


Kanelo e, e tlhamilwe le go kwalwa ka puo ya siSwati jaaka karolo ya porojeke ya didiriswa tsa go buisa ya Zenex Ulwazi Lethu ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Mmantsae Moche Diale le maatla a letsatsi
Author/s: Thembekile Malibe
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Omphemetse Patient Ramatlhatse
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator