Lihle le Lwandle ka letlhabula
Sara Mohale
Busisiwe Ndlovu
Lihle le Lwandle ba etetse polase ya ga kokoabona kwa Vhembe.
-
Ke leeto la bona la ntlha.
-
Ba tsoga ka go utlwa medumo e e sa tlwaelegang kwa ntle ga letlhabaphefo!
1
“Dumela, Koko,” ga dumedisa basetsana. “Ke modumo wa eng oo?”
-
“Dumelang! Ke mokoko, o re tsosa gore re dire ditiro tsa mo polaseng,” Koko a tshega.
2
“Go sa ntse go le lefifi kwa ntle, mme ga go moso thata jaaka le akanya. Ka letlhabula, letsatsi le tlhaba moragonyana le phirime ka pejana go feta ka selemo,” ga rialo Koko.
3
Koko o a tswelela, “Ka letlhabula, maemo a bosa a nna tsiditsana. Mme go sa ntse go le bothitonyana go feta mariga.”
-
“Ga re ise re tlhoke diaparo tsa mariga,” ga dumela Lwandle.
4
“Ka letlhabula, lo tlaa bona bontsi jwa dijalo di fetola mmala le go simolola go omelela. Re gaufi le go fetsa go kotula dijalo tsa rona,” ga rialo Koko.
5
“Mo polaseng eno ka letlhabula, re kotula dinawa, khabetšhe, kholifolawa, le sepinatšhe,” ga tlhalosa Koko.
-
A oketsa, “Maitseboa, re tlaa ja dilalelo tsa merogo e metala ya polasa.”
6
“Boemong jwa go reka merogo ka gale, re ka itemela e se kae fa gae kwa toropong,” ga rialo Lihle.
-
“Ke kakanyo e ntle! Ke tlaa le ruta,” Koko a solofetsa.
7
Lwandle a botsa, “Koko, a o lema maungo? Legapu ke leungo le ke le ratang!”
-
Koko a tshega, “Re sa tswa go kotula dijalo tse dintsi tsa magapu a botshe!”
8
“Ka letlhabula, diphologolo tse di tsetsweng kgotsa tse di thuthusitsweng ka dikgakologo di godile, mme re rekisa dingwe.
-
Diphologolo tsa rona di re fa maši, mae, le nama,” ga bua Koko ka boipelo.
9
“Re tlaa ja mae a mašwa ka dijo tsa mo mosong, mme re dire mo tshingwaneng ya merogo,” Koko a nyenya.
-
Lihle le Lwandle ba itumeletse go dira mo tshingwaneng le Koko!
10

Dipotso


  1. Ka letlhabula, ke diphetogo dife tse di diregang mo:
    • dijalong?
    • dithempereitšheng?
    • tlhabong le phirimo ya letsatsi?
    • diphologolong?
  2. Go diragalang mo polaseng ya ga Koko mo setlheng seno?
  3. A letlhabula le le mo kganng le tshwana kgotsa le farologane le la kwa o nnang teng? Tlhalosa.
  4. Ke bokgoni bofe jo basetsana ba ka bo ithutang mo go Koko?
11
Your attribution should include the following:
Title: Lihle le Lwandle ka letlhabula
Author/s: Sara Mohale
Translator/s: Opelo Thole
Illustrator/s: Busisiwe Ndlovu
Assurer/s: Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator