Bogologolotala, go ne go dula segwagwa mo nokeng ya Olifants.
-
Ka letsatsi lengwe fa segwagwa a thuma mo puleng, a simolola go tshwarwa ke tlala.
-
A bona setlhopha wa dintsi gaufinyana.
1
“Ke tla tlatsa mpa ya me ka dintsi,” segwagwa sa nagana.
-
Fa pula e sa go na, sa tlolela kwa ntle ga noka go ela ntlheng ya dintsi.
2
Ka bonako, leobu la tlhagelela fa pele ga segwagwa.
-
“Le ke lefelo la me le dijo tsa me!” ga bua leobu ka kgalefo.
-
Leobu la simolola go fetola mmala ka bogale.
3
Segwagwa sa tlolela kgakajana ka moo go kgonegang ka teng.
-
Sa kotama mo sekgweng, go leka go ntsha letshogo le le dirilweng ke leobu.
4
Fa segwagwa se ntse se leka go ikutlwelela, phiri a tlhagelela. O ne a tshuba sekgwa.
-
Segwagwa se ne se tshaba molelo!
5
Segwagwa se ne sa tlolela fa fatshe mme sa iphitlha ka fa tlase ga matlhare a magolo.
-
Matlhare a a sephara ao a ne a se khurumetsa, mme sa nna sa utlwa molelo gotlhe.
6
Ka letshogo segwagwa sa ikhurumetsa matlho. Sa tlolela kwa godimo ka moo se ka kgonang ka teng.
-
Sa thobuela mo nokeng gape.
7
Segwagwa sa bona lekakaiye, le iketlile mo lekaleng. Sa thumela ntlheng ya lekakaiye.
-
“Dumela, letsatsi la gago le ne le le jang?” ga botsa lekakaiye.
-
“Le ne le didimetse,” segwagwa sa nyenya.
8
Your attribution should include the following: Title: Segwagwa se falola leso Author/s: Selolo Nare Joyce Translator/s: Dineo Moatshe Illustrator/s: Rob Owen Assurer/s: Opelo Thole Language: Setswana