Yebo le Dimo
Ntombifuthi Ncwayiba
Kamogelo Matlawe
Yebo le batsadi ba gagwe ba nna kwa sekgweng.
-
Mo go yona kgaolo e, go nna dimo, Zim-zim.
-
Zim-zim o ne a itsege ka go ja bana.
1
Sikwebu, rraagwe Yebo e ne e le motsomi. Fa a boela gae, o abitsa, “Yebo! Yebo! Tlaa o kopane le nna ngwanake.”
-
Yebo o tlaa re go mmaagwe, “Rre wa mpitsa, Ke tshwanetse go ya go kopana le ena.”
-
Zim-zim a bona tsotlhe tse.
2
Zim-zim o leka go etsisa Sikwebu, “Yebo! Tlaa o kopane le nna ngwanake.”
-
O ne a itse gore ga a utlwale go tshwana le Sikwebu.
-
“Nka fetola jang lentswe la me?” o maketse.
3
Zim-zim a kopa thuso kwa moloing.
-
“Nka fetola jang lentswe la me go nna la setho?” a botsa.
-
“Gotetsa motshe go fitlhelela o fisa o nna mohibidu, mme o o metse otlhe,” moloi a mo gakolola.
4
Zim-zim a boela gae a meditse motshe o bolelo.
-
Jaanong a simolola go bitsa, “Yebo! Yebo! Tlaa o kopane le nna ngwanake.”
-
Nyaa! Lentswe la gagwe le ne le sa tshwane le la ga Sikwebu. Le ne le tibile lele boteng.
5
Zim-zim yo o sa itumelang a boela kwa moloing.
-
“Ke ka dirang go nna le lentswe le lennye la setho?” a botsa.
-
“Mo nakong e, gotetsa motshe bosigo botlhe mme mo mosong, o metse gotlhe,” ga araba moloi.
6
Morago ga go dira jaaka a laetswe, Zim-zim a boela a bitsa, “Yebo! Yebo! Tlaa o kopane le nna ngwanake.”
-
Lentswe la gagwe le ne tshwana sentle le la ga Sikwebu.
-
Yebo a tabogela kwa ntle.
-
Fela e ne e se rraagwe.
7
Yebo a lemoga phoso ya gagwe go setse go le thari!
-
O lekile go tabogela kwa morago, fela Zim-zim a mo tshwara bonolo.
-
O ne a tshwere Yebo jaaka logong mme a tsena ka ena mo sekgweng se se boteng.
8
Ka bonako, Sikwebu a fitlha kwa gae mme a bitsa, “Yebo! Yebo! Tlaa o kopane le nna ngwanake.”
-
Fela Yebo ga a ka a tlhagelela. Mmaagwe a araba, “O setse o mmiditse.”
-
Ba lemoga gore ngwana wa bona o tshotswe ke Zim-zim.
9
Sikwebu a tsaya thobane ya gagwe ya go tsoma a ya kwa sekgweng. Go ya go batla morwae.
-
Go tswa mo bokgakaleng, o ne a bona Zim-zim a tshwerwe ke boroko mo leribeng la noka. O ne a dutse le kgetse e kgolo fa thoko le ena.
10
Sikwebu a ngwangwaelela kwa go Zim-zim. Fa a le fa gaufi, a tsholetsa thobane e telele ya gagwe a betsa Zim-zim.
-
Zim-zim a tlola a tlhakatlhakane go tswa mo borokong a tshaba.
-
Sikwebu a bofolola kgetse mme a ntsha morwae.
11
Sikwebu a atlarela morwae, a itumeletse go kopana le ena gape. Yebo o ne a itumeletse go bona rraagwe.
-
Ba ne ba lebala ka ga Zim-zim mme ba boela gae.
12
Your attribution should include the following:
Title: Yebo le Dimo
Author/s: Ntombifuthi Ncwayiba
Translator/s: Sylvia Makapan
Illustrator/s: Kamogelo Matlawe
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator