Tsala e e sa ikanyegeng
Mafisa Kwena Petrus
Rob Owen
Go kile ga bo go na le noga e e neng e tsalana le segwagwa.
-
E ne e le ditsala tse dikgolo, di ratana thata.
1
Ka letsatsi lengwe Segwagwa se ne sa raya Noga, “Tsala, a reye go batla dintlhwamafura tse di monate.”
-
Noga e ne ya dumela go tsamaya le Segwagwa.
2
Ditsala di ne tsa kokoanya dintlhwamafura mo kgetseng e kgolo.
-
Segwagwa sa kokoanya tse dintsi mme sa itumela.
3
Mo tseleng fa di boela gae, Segwagwa le Noga di ne tsa kopana le segopa sa bokotokwe.
-
Bokotokwe e ne e le dira tsa tsona.
4
Noga ya lela, “Tsala re a tlhaselwa! Fa re ka latlhegelwa ke se se mo kgetseng, re tlile go tlhoka se re ka se jang bosigo jo!”
5
Segwagwa sa goeletsa bokotokwe, “Tswang mo tseleng, e seng jalo mongwe wa lona o tlile go gobala.”
-
Bokotokwe ba bona go le botoka go tshaba!
6
Segwagwa sa laletsa Noga kwa dijong tsa maitseboa.
-
“Mogatsake o apeile dintlhwamafura tse di monate,” Segwagwa sa bua ka boipelo.
-
Ditsala di ne tsa tswelela go tlotla fa Mohumagadi Segwagwa a tsweletse go apaya dijo tsa maitseboa.
7
Dijo di ne tsa siama ka bonakonyana.
-
Ditsala di ne tsa tlhapa, mme tsa ya go nna fa tafoleng.
8
Moragonyana, Segwagwa sa supa mo sejaneng sa gagwe ka gore, “Dijo tse di tsholetsweng Noga di feta tsa me!”
9
Noga ya araba, “Nnyaa, tsa gago ke tsona tse di fetang tsa me!”
-
Segwagwa sa ja dilalelo, fela Noga o ne a kgopisegile mme a gana go ja.
10
Moragonyana Segwagwa sa re go Noga, “Fa e le gore o tlile go nyatsa kapeo ya mogatsake, o tshwanetse go re tswela ka ntlo.”
11
E ne ya nna bokhutlo jwa botsalano jo bontle!
-
Go tloga foo, Segwagwa le Noga tsa se tlhole di nna ditsala gape.
12
Your attribution should include the following:
Title: Tsala e e sa ikanyegeng
Author/s: Mafisa Kwena Petrus
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Rob Owen
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator