Please view the book
in landscape mode.
Paka ya thibelonakwana ya go sa ye sekolong
African Storybook
Busisiwe Ndlovu
Busisiwe le Bandile ba itumetse thata.
-
Dikolo di tswaletswe paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle.
-
Ba itumeletse nako ya go nna gae.
1
Morago ga dibeke tse tlhano tsa paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, motho le mogoloe ga ba itumela.
-
“Ke dira ka natla mo go ithuteng ka inthanete. Ke kgwetlho,” Bandi a kgwa mowa.
2
Busi a dumela, “Ke tlhologeletse go ya sekolong.”
-
“Fela jaanong, sekolo ke metlotlo ya ditlhopha tsa phaposi ka
WhatsApp
,
apps
tsa thuto, le mananeothuto a
TV!
” ga bua Bandi.
3
A tswelela, “Fela jaanong, sekolo se batla tsepamo le boineelo thata!”
-
Busi a bua, “Gape re tshwanetse ra bo re na le data le neteweke.”
4
“Malapa a mantsi ga a kgone go reka data. Ba imelwa ka ntlha ya go tlhoka madi,” ga bua Bandi.
-
Busi o nagana ka ditsala tsa gagwe, Buhle le Luka.
5
Busi a re, “Bana ba bangwe ba tlhoka tlamelodijo ya kwa sekolong.”
-
O tshwenyegile, “A batsadi ba bona ba tla kgona go reka dijo tse di lekaneng?”
6
Bandi a re, “Re lesego. Paka e ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle, tota ga e a re ama go le kalokalo kwa gae ka madi.”
-
“Ke tota ke tlhologeletse ditsala tsa me,” Busi a kgwa mowa.
7
A tlatsa, “Ke kgona go bua le bona ka mogala, fela ga go tshwane. Ke rata go tshameka le bona.”
8
Bandile a tlhomaganya, “Ke tlhoafaletse tikologo ya sekolo, barutabana, go ithuta tse dintšhwa, le go nna le ditsala.”
-
Mmaabona a tsena mo phaposing ya bona.
9
“Basetsana, ke fetsa go utlwa mo radiong gore dikolo di bulwa beke e e tlang,” Mme a nyenya.
-
Busisiwe le Bandile ba itumetse!
10
—
—
Dipotso
Tlhalosa bokao jwa: ‘bokete jwa ditšhelete’, ‘go ithutela kgakala ka inthanete’, ‘sekema sa phepo ya dijo’.
A basetsana ba itumeletse paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle? Tlhalosa karabo ya gago.
Bapisa go ithutela kwa sekolong le go ithutela kgakala ka inthanete. Ke tsela efe ya tseno e e leng tlhotlhwatlase?
Fa go ka direga taolelometsamao, ke dilo dife tse o ka di dirang ka tsela e e farologaneng?
A go nnile le dilo tse o di ithutileng ka botshelo ka nako ya taolelometsamao ya sekolo? Tlhalosa.
Nagana gore ke goreng sekolo se ne se tlhoka kgalemo le boineelo ka nako ya taolelometsamao?
11
—
—
-
Bukakanelo e ikaegile mo dipegelong tsa RX Radio. RX Radio ke seteišene sa radio ya bana ya inthanete, e dirilwe ke bana e bile e diretswe bana.
-
RX Radio e gasa go tswa mo Red Cross War Memorial Children’s Hospital kwa Motse Kapa.
-
RX Radio e thusa bana go bua dikgang tsa matsapa a botlhokwa go bona.
-
Etela RX Radio
12
Your attribution should include the following:
Title
: Paka ya thibelonakwana ya go sa ye sekolong
Author/s
: African Storybook
Translator/s
: Dineo Moatshe
Illustrator/s
: Busisiwe Ndlovu
Assurer/s:
Opelo Thole
Language:
Setswana
© Zenex Foundation - Saide 2025
CC BY
includes the following elements:
BY
– Credit must be given to the creator