Paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle mo motseng
African Storybook
Tammi Mbambo
Langa o tsamaya go ya sekolong. O tswile fa gae go sa le phakela thata.
-
Legae la gagwe le kgakala le sekolo.
-
O itumeletse go boela sekolong, gonne dikolo di ne di tswaletswe dikgwedi.
1
Mo tseleng, a ema kwa ga bo-Mandla.
-
Ke sebaka thata Langa a sa bone tsala ya gagwe.
-
Ba ne ba sa dumelelwa go tshameka.
-
Basimane ba ba itumetseng ba dumedisana ka dikgono tsa bone le menwana ya maoto.
2
Basimane ba tswelela go tsamaya. Ba ikemiseditse go ya sekolong.
-
Ba kgatlhegetse go bua ka paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle.
-
“O dirile eng go itshola o babalesegile mo mogareng?” Langa a botsa.
3
“Go tsoga mo mesong re be re tlhapa diatla tsa rona. Re tlhapa diatla gape pele re ja,” ga araba Mandla.
-
“Ee, metlha yotlhe re tlhapa diatla!” Langa a dumela.
-
“Nako yotlhe re ya go tsaya metsi!” a tlatsa.
4
“Ke ne ke tlhola ke nna le ditsala tsa me, fela jaanong ga ke kgone ka gore ga re a tshwanela go nna le batho ba bantsi,” ga bua Mandla.
-
“Go na le melawana e mentšhwa e mentsi,” Langa a kgwa mowa.
5
“O tshwanetse go thiba nko le molomo fa o ya kwa ntle. Fa o gotlhola, o tshwanetse go thiba molomo ka bogare ba sekgono. Fa o fetsa go gotlhola o tshwanetse go tlhapa diatla,” Langa a di tlhomaganya.
6
“Kwa ke nnang teng, ga re sa tlhole re kgona go tshameka kgwele,” ga bua Mandla.
-
“Kwa ke nnang teng, batho ba bagolo ga ba sa tlhole ba kgona go tsaya kalafi ya bona kwa tleliniking,” ga bua Langa.
7
“Mogare le paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle e amile batho ba ba nnang kwa magaeng,” ga bua Langa.
-
“Ga re sa tlhole re kgona go ya toropong gonne dinamelwa tsa botlhe di emisitse go dira,” ga bua Mandla.
8
“Batho ba bantsi ba ba tshelang ka go rekisa, ga ba tlhole ba kgona go rekisa,” Mandla a tswelela.
-
Basimane ba didimetse jaanong. Fa ba le gaufi le sekolo, ba tsamaya ka bonakonyana.
9
Langa a re, “Nna ke ne ke itiya ka go tlhatswa le go thusa go apaya. Gape ke ne ke lebelela thelebišene le go ithuta.”
-
“Nna, ke ne ke raga kgwele. Ke thusa Mme, ke buisa le dibukakanelo,” ga bua Mandla.
-
Basimane ba goroga ka nako kwa sekolong.
10

Dipotso


  1. O dirile eng go itshola o babalesegile mo mogareng wa Khorona? Tsweetswee tlhalosa.
  2. Mo tsebeng 10, basimane ba bua ka pakafetileng. Kwala mafoko ao jaaka e kete ba bua ka gompieno (pakajaanong).
  3. Kwala mafoko a bone jaaka e kete ba bua ka letsatsi la kamoso (pakatlang).
11

-
Bukakanelo e ikaegile mo dipegelong tsa RX Radio. RX Radio ke seteišene sa radio ya bana ya inthanete, e dirilwe ke bana e bile e diretswe bana.
-
RX Radio e gasa go tswa mo Red Cross War Memorial Children’s Hospital kwa Motse Kapa.
-
RX Radio e thusa bana go bua dikgang tsa matsapa a botlhokwa go bona.
-
Etela RX Radio
12
Your attribution should include the following:
Title: Paka ya thibelonakwana ya go se tswele kwa ntle mo motseng
Author/s: African Storybook
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Tammi Mbambo
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator