Pabalesego ka inthanete
Patricia Ndlovu
Sibusiso Khumalo
Inthanete e go naya tšhono ya go ithuta, go tshameka metshamekwane, go reka, le go bua le ditsala jaaka o dira ka metlha.
-
E ka nna sebaka se se kotsi mo baneng.
-
Ke ka lebaka la gore go na le batho ba ba dirisetsang inthanete mabaka a a bosula.
1
Bangwe ba ba bosula ba dirisa inthanete:
  • Magodu a a utswang boitshupo ba gago.
  • Bakgerisi ba mo inthaneteng ba ba bogisang, tlhapaolang le go sotlaka.
  • Baraedi ba mo inthaneteng ba dira botsalano le wena ka inthanete, ka maikaelelo a tshotlako.
O tla buisa ka se, mo ditsebeng tse di latelang.
2
Go nna kgakala le magodu a boitshupo, o se ke wa itshupa gore o mang ka inthanete:
  • Leina la gago la nnete.
  • Dinomoro tsa mogala.
  • Aterese ya legae.
  • Dintlha ka balelapa
  • Sekolo sa gago.
Tshedimosetso e, e dira gore magodu a boitshupo a itirise go nna wena mo inthaneteng.
3
Mokgerisi ke mongwe:
  • Yo o itsiseng le go phasalatsa bosula ka wena.
  • Yo o supang letlhoo.
  • Yo o bonagalang mo melaetseng ya botlhe, mo metlotlong ya diphaposi, diphaposi tsa metshameko le mo diimeiling.
Bolelela mongwe yo o tshepagalang, fa o tshwenyega ka mokgerisi wa mo botshelong jwa mmatota kgotsa inthanete.
4
Baraedi ba mo inthaneteng ba bontsha e le bagolo. Ba ka leka:
  • Go go batlisisa.
  • Go aga botsalano.
  • Go bonala ba siame, pelonomi, kgathala.
  • Go go kopa senepe.
  • Go go rotloetsa go dira dilo tse di bosula.
Tlhokomela gore o kopana le mang mo inthaneteng.
5
Ga re bone batho ba ba bosula fela inthaneteng. Go na le tshedimosetso e e fosagetseng e le kotsi.
-
Se dumele sengwe le sengwe se o se buisang mo inthaneteng.
-
Kopa motsadi kgotsa morutabana go bona fa tshedimosetso ya mo inthaneteng e le nnete kgotsa maaka.
6
Fa o dira mo inthaneteng:
  • Nna le maikarabelo
  • Nna le tlotlo
  • Nna kelotlhoko.
Fa o dira tsotlhe tse, o tla bolokega mo inthaneteng.
7
Fa o phasalatsa tshedimosetso le ditshwantsho mo inthaneteng, o na le maikarabelo otlhe a go phasalatsa se.
-
Nagana sentle pele o phasalatsa sengwe.
-
Tshedimosetso le ditshwantsho tse o di phasalatsang di ka dirisiwa kgatlhanong nao kgotsa balelapa.
-
Inthanete ga e lebale sepe se se phasaladitsweng, le fa o se phimotse.
8
Itlotle le badirisi ba bangwe ba inthanete:
-
ka se o se buang, o se phasalatsang, le se o se dirang.
-
O se ke wa tshaba go bolelela batsadi ba gago ka sengwe le sengwe se se diragalang mo inthaneteng, kgotsa mongwe yo o kopanang le ene mo inthaneteng.
9
Nna o le kelotlhoko ka nako tsotlhe fa o le mo inthaneteng. Se tshepe mongwe le mongwe yo o itirang tsala ya gago mo inthaneteng, gonne ba bangwe ga ba tshepege.
-
Dirisa tshedimosetso e e mo bukeng e, go go bontsha go nna o babalesegile mo inthaneteng.
10

Dipotso


  1. Naya dilo di le pedi tse o ka di dirang mo inthaneteng.
  2. Naya mefuta e meraro ya batho bao ba dirang dilo tse di sa siamang mo inthaneteng.
  3. Ke goreng go le botlhokwa go kopa motho yo mogolo go go thusa fa o dira mo inthaneteng?
  4. Naya dilo tse pedi tse o sa tshwanelang go itsise ba bangwe mo inthaneteng.
  5. O tshwanetse go dira eng fa o ikutlwa o sa babalesega mo inthaneteng?
11


Buka e, ke nngwe ya metseletsele ya dibuka tse nne tsa go itsise ditlhogo tsa thekenoloji ya khomphiutha.
-
Bukakanelo e tlhametswe porojeke ya Zenex Ulwazi Lwethu ya didiriswa tsa go buisa ya 2021.
12
Your attribution should include the following:
Title: Pabalesego ka inthanete
Author/s: Patricia Ndlovu
Translator/s: Dineo Moatshe
Illustrator/s: Sibusiso Khumalo
Assurer/s: Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator